Tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong e itshupa e le Baalogi ba ba dirileng sentle ba moletlo wa kalogo wa letlhabula






Vanderbijlpark  Kwa Khamphaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) , go ne ga abiwa di dipoloma le di dikirii tse di fetang 600 ka moletlo wa kalogo wa letlhabula.  Ka nako ya moletlo ono wa kalogo, o o neng o tshwaretswe kwa Quest Conference Estate, go ne ga abiwa le di dikirii di le thataro tsa bongaka.

Fa Porofesa Piet Prinsloo, e leng Moreketoro wa Khamphase a ne a eme botlhe ka lefoko, o ne a sobokanya boemo jwa YBB ka boripana. O ne a umaka dipalopalo tse di latelang: Mo ditheong tsa thuto e e kwa godimo (tse di akaretsang diyunibesiti di le 23 mo Aforika Borwa) YBB e amogela 5.2% ya tekanyetsokabo ya dibilionebilione tsa diranta tse puso ya bosethaba e di abetseng ditheo tsa thuto e e kwa godimo  seno se emela 41% ya tekanyetsokabo yotlhe ya YBB. Mo ngwageng ono wa 2009 Khamphase ya Vaal Triangle e na le baithuti ba le 4 000 ba ba ikwadisitseng.

Ka 2008 go ne ga abiwa di dipoloma le di dikirii di le 126 878 mo Aforika Borwa mme mo go tsone, di le 11 345 di ne tsa abiwa ke YBB - seno ke ya tse 8.9% ya tsone tse di neng tsa abiwa mo nageng. Taking this into account, the NWU is currently ranked as the third best university in the country when it comes to the annual graduation rate. Moreketoro wa Khamphase o ne a tlhalosa go ya pele gore YBB e ne e le nngwe ya diyunibesiti tsa maemo a ntlha a le tlhano fa e tla mo kgannyeng ya go ruta-go ithuta, mme ya nna mo maemong a tsa ntlha tse robedi mo kgannyeng ya go dira patlisiso le mo maemong a ntlha a mararo mo kgannyeng ya mokgwa o moa wa go dira dilo.

Molaetsa o Porofesa Prinsloo a neng a o naya baalogi ke gore phetogo ke selo se se diregang ka dinako tsotlhe, le gore kgwetlho ya e e amanang le gone ke go thusa ka tsela ya rona ya seporofeenale le ka tsela e e mosola fa go na le mathata. Gape, o ne a rotloetsa baalogi gore ba nne le seabe mo diphetogong tseno le tlhabololo. Go nna mosola ga lona go a oketsega fa lo le baalogi," Moreketoro o ne a tlhalosa jalo, a bo a oketsa ka gore lefelo le moalogi a dirang kwa go lone ke lone le le dirang gore a nne motho yo o botlhokwa.  Nnang lo ntshitse matlho dinameng, mme fa lo ntse lo gagamalela katlego, ela tlhoko gore lo ama batho mo sethabeng ka tsela e e molemo.



Mohumagadi EM Bartie e ne e le mongwe wa baalogi ba ba neng ba newa ditshwanelego tsa bone kwa moletlong wa letlhabula wa kalogo. O ne a newa Setifikeiti sa Morago ga Karolo sa Thuto Mokwadisi wa mo Khamphaseng , e leng Mohumagatsana ME Steyn, o newa faculty hoods.



Poresidente wa Lekgotla le le Emelang Baithuti (SRC), Siphiwe Mbatha, o ne a newa dikirii ya gagwe ya Bachelor of Commerce (BCom). Mokwadisi wa mo Khamphaseng , e leng Mohumagatsana Elbie Steyn, o newa faculty hoods.

