Moithuti wa maloba o di goga kwa pele kwa Canada






Vanderbijlpark  Badiri ba e leng baithuti ba maloba ba Khamphase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba ne boeng ba itirela leina fa leina la bo 4 000 le ne le tsenngwa mo bobolokelong jwa tshedimosetso jwa baithuti ba maloba  seno e ne e le phitlhelelo e e gakgamatsang tota, segolobogolo fa go akanngwa gore ofisi ya baithuti ba maloba e feditse dingwaga di le tharo fela e le teng mo khamphasen.

Selo sengwe se se itumeidisang gape malebana le baithuti ba maloba ba Khamphase ya Vaal Triangle ke gore go setse go na le palo e kgolo ya baithuti ba nako e e fetileng ba ba dirileng tiro e e tlhomologileng le go nna baemedi ba setheo se ba kileng ba bo ba ithuta mo go sone kwa dinageng di sele.

Mongwe wa ba ba neng ba iponela moputso kwa dinageng di sele ke Ngaka Wynand Steyn, yo boeng jaana a neng a tlhophiwa go nna Mothusi wa Motlatsa-Tona ya Tsa Tikologo kwa Regina Saskatchewan kwa kgaolong ya Canda. O ne a simolola tiro eno ka di 19 tsa Motsheganong 2009.

Ngaka Steyn o goletse kwa Vereeniging (koo batsadi ba gagwe mmogo bomogogwadiagwe ba santseng ba nna gone), o ne a fudugela kwa Canada ka 2001 mme a newa tetla ya go nna moagi wa Canada ka 2005. O na le dikirii ya BCom e a e boneng kwa NWU ka 1986 mme a fetsa masetase ya gagwe ka 2000 mo go yone Yunibesiti eno. Go ya ka Ngaka Steyn, o ne a iponela dikirii ya gagwe ya bongaka "kafa tlase ga maemo a a tlhomologileng", a bo a tlhalosa gore o ne a setse a nna kwa Canada fa a ne a dira kopo ya go ithutela PhD e bile Porofesa Pierre Lucouw (Mokaedi wa: Sekolo sa Palomatlotlo) o ne a dumela go nna moemanokeng wa gagwe. Ke rata bopelotelele jwa gagwe (jwa ga Porofesa Lucouw) fela thata, go ne ga bua jalo Ngaka Steyn, a bo a oketsa ka gore tsela e le nngwe fela e ene le moemanokeng wa gagwe ba neng ba golagana ka yone mo malatsing ao e ne e le ka go kwalelana diimeili.

Go ya ka Ngaka Steyn, ditiro tsa gagwe tsa gone jaanong di akaretsa go botsamaisi jwa tsa dithelete, tshedimosetso ya thekenoloji, go okamela badiri, thibelo ya go runya ga molelo le go o tima, mmogo le tsa tlhaeletsano. Boikaelelo-bogolo ke go thusa lefapha go gola gore e nne kgwebo e e nang le matswela, go ne ga tlhalosa jalo Ngaka Steyn a bo a tlhalosa gore o ikarabelela ka tlhamalalo kwa go motlatsa-tona. Ngaka Steyn o dira mo maemong a bolaodi mo tirong ya botsamaisi jwa lekgotlatoropo la selegae le thulaganyo ya lone mme o ne a direla Mmasepala wa Sasolburg le wa Vereeniging mo nakong e e fetileng.



__________________________________________________________________________
Ngaka Wynand Steyn

