Porojeke ya Ikateleng e tswelela pele go nonofa






Vanderbijlpark  Dingwaga di le someamabedi morago ga go simololwa ga Porojeke ya Ikateleng mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), porojeke eno e sa ntse e tswelela pele go nonofa. Porojeke eno  e ka kgololesego e ka ranolwang fela go twe "go nonotsha"  e tlamela baithuti bangwe ba kereiti 12 ka dithuto tsa tlaleletso e bile boikaelelo jwa yone ke go oketsa palo ya baithuti ba ba ka kgonang go tsenela dikhoso tsa yunibesiti.

Baithuti ba ba fetang 400 mmogo le batsadi ba bone ba ne ba le teng kwa pulo-semmusong ya Porojeke ya 2009 ya Ikateleng, e bile baithuti ba ba fetang 250 ba setse ba kwadiseditswe porojeke ya monongwaga. Ka 2008, letsholo la Sekolo sa Mariga sa Ikateleng le ne la solegela molemo baithuti ba ba fetang 5 000 kwa karolong ya Khutlotharo ya Lekwa mme la tokafatsa maduo a phalolo ya ditlhatlhobo mo kgaolong eo. Go tsenwa ga Sekolo sa Mariga e ne e le letsholo le le kopanetsweng ke Sekolo sa Disaense Tsa Thuto mo khamphaseng le Lefapha la Thuto (Kgaolo ya D8). Baithuti ba ile ba kgona go amogela dithuto tsa tlaleletso mo dirutweng tse di jaaka Mmetshe, saense, baeoloji, bobalamatlotlo le tsa ikonomi.

Baithuti ba ba nnang le seabe mo porojekeng eno ba tswa mo makeieneng otlhe a Khutlotharo ya Lekwa mmogo le kwa diporofenseng di le mmalwa go ralala Aforika Borwa. NWU e direla porojeke eno mo diporofenseng di le nn mme dikgaolo tse di nnang le seabe mo go yone di akaretsa: Mafikeng (dikolo di le 14), Mooinooi (dikolo di le 7), Potchefstroom (dikolo di le 19), Upington (dikolo di le 9) le Khutlotharo ya Lekwa (dikolo di le 27). Baithuti ba ba solegelwang molemo ke porojeke eno ke ba ba tswang mo dikolong di le 71.



Madi a Porojeke ya Ikateleng e tlamelwang ka one a tswa kwa setlamong sa kgwebo mme a thusa Yunibesiti go kgona go nna le madi a ditshenyegelo tse di jaaka tsa dipalangwa, dijo, go duelwa ga barutabana le tsa dibukathuto.  Go ya ka Porofesa Piet Prinsloo, e leng Moreketoro wa Khamphase, go atlega ga porojeke eno go ikaegile thata ka letsholo la kgwebo. Gape o dumela gore e atlegisiwa ke go ineela ga borrakgwebo mo ditikologong tse ba nnang mo go tsone. Go ya ka Prinsloo, go nna le seabe ga bone ka tsela eno ke gone go "dirang kgatelopele" e e agang isagwe e e atlegileng le e e kgonang go itsetsepela ya Aforika Borwa.

Baithuti ba ba fetang 400 le batsadi ba bone ba ne ba le teng kwa pulong-semmuso ya Porojeke ya Ikateleng ya 2009.


_____________________________

Baithuti ba ba fetang 5 000 go tswa mo karolong yotlhe ya Khutlotharo ya Lekwa ba ne ba solegelwa molemo ke letsholo la Sekolo sa Mariga sa Ikateleng ka 2008.

