Tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong e itshupa e le botlhokwaa






Potchefstroom - Maloko a badiri a Potchefstroom le baithuti ba maloba ba mo khamphaseng eno le setlhopha sa tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong kwa  Sekolong sa Thuto ya go Dira ga Mmele, sa Dijo Tse di Nang le Dikotla le sa Disaense Tsa Badirisi ba Dikumo kwa Lefapheng la Disaense Tsa Dijo Tse di Nang le Dikotla ba ne ba tsenela dikgaisano boeng jaana mme ba tla ba tshotse diawate di le mmalwa.

Mo nakong ya go ketekwa ga ngwaga wa bo 25 wa South African Institute for Occupational Hygiene (SAIOH), Porofesa Fritz Eloff o ne a amogela awate ya go tsenya letsogo le go nna le seabe mo tirong ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong le ya go mo akgolela tiro ya gagwe e a e diretseng setheo seno ka boikanyegi.
Mohumagadi Goitsemang Keretetse, yo o neng a wetsa gerata ya gagwe ya tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) mo ngwageng o o fetileng, o tlhophilwe ke SAIOH jaaka Moithuti wa Ngwaga.

Setlhogo se a se kwadileng morago ga go dira patlisiso ya MSc, se se reng  DNA damage and repair detected by the comet assay in lymphocytes of African petrol attendants: A pilot study  se tlhophilwe ke SAIOH jaaka Setlhogo sa Ngwaga. Setlhogo seno se ne sa gatisiwa mo lekwalongpaka la bodithabathaba la Annals of Occupational Hygiene, go ela kwa bofelong jwa ngwaga o o fetileng.

Baithuti ba maloba ba mo khamphaseng eno ba setlhopha sa tiro ya go sireletsa boitekanelo jwa badiri mo tirong le bone ba ile ba dira go tlala seatla. SAIOH e tlhophile Rre Jaco van Rensburg jaaka Mosireletsi wa Ngwaga wa Boitekanelo Jwa Badiri mo Tirong mme Mohumagadi Melinda Venter ene o tlhophilwe go nna Poresidente wa SAIOH. Mo godimo ga moo, Mohumagatsana Milly Ruiters o tlhophilwe go nna motsamaisi-mogolo wa Pholo le Boitekanelo kwa Lefapheng la Badiri.






Mohumagaedi Goitsemang Keretetse yo (SAIOH) e mo tlhophileng go nna Moithuti wa Ngwaga wa Setheo sa Aforika Borwa sa Tiro ya go Sireletsa Boitekanelo Jwa Badiri mo Tirong le moeteledipele mo dithutong tsa gagwe e leng, Porofesa Petrus Laubscher.

