NWU e di goga kwa pele mo go tsa Boejenere Jwa Nyutlelia






Potchefstroom - Werner van Antwerpen, e leng moithuti wa PhD mo go tsa Boenjenere Jwa Nyutlelia o tla emela Aforika Borwa kwa Khonferenseng ya Bodithabathaba ya Baa ya European Nuclear Education Network Associations (ENEN) kwa Budapest kwa Hungary, e e kaga Methini e e Fetlhang Maatla, ka di 5 tsa Seetebosigo 2009.  NWU e ne e le setheo sa ntlha sa theiari se se ka kwantle ga melelwane ya Yuropa go amogelwa jaaka sengwe sa tse di tla nnang le seabe mo khonferenseng ya ENEN mme Van Antwerpen ke ene fela moemedi wa Mo-Aforika Borwa yo o tlhophilweng ke maloko a ENEN e bile a tlhophilwe le ke setlhopha sa baatlhodi gore a nne le seabe mo tiragalong eno.

Jaaka yunibesiti ya ntlha mo Aforika Borwa gore Lefapha la Saense le Thekenoloji [Department of Science and Technology (DST)] mmogo le Pebble Bed Modular Reactor (Pty) Limited (PBMR) di e abele go nna modulasetulo mo go tsa Boenjenere jwa Nyutlelia, NWU e golagane thata le go simolola matsholo le go dira dirweboleta, mme thuto ya PhD ya ga Van Antwerpen e tlile go thusa thata mo ntlheng eno.  Van Antwerpen a re, Ke batla go fetola maikutlo a batho ba nang le one mo sethabeng, selo se ke eletsang thata go se dira ke go nna motsereganyi fa gare ga Dikgwebo mo Lefatsheng, Ditsela Tsa go Dira ga Methini e e Fetlhang Maatla le Greenpeace.

Tlotlo e kgolo e a e nayang mosimolodi-mmogo wa Greenpeace, e leng Ngaka Patrick Moore le Rre James Lovelock mmogo le boemo jo NWU e bo neilweng jwa go naya batho katiso ya boleng jo bo kwa godimo le dithuto tsa gagwe tsa MBA tse a tlileng go ya go di ithuta kwa Sekolong sa Bodithabathaba sa Tsa Kgwebo kwa UK le kwa USA di tla dira gore Van Antwerpen a kgone go dira jalo: A nne le maikemisetso le didirisiwa tsa go fetola dilo.

Bokgoni jo Lefapha la Boenjenere bo nang le jone ke jo e bo boneng ka lenaneo la lone la go dira patlisiso e e tseneletseng ya go ema nokeng porojeke ya PBMR, e e akaretsang baithuti ba ba fetang 50 ba lokwalo lwa morago ga boalogane. PBMR e ne ya tlhongwa ka 1999 ka boikaelelo jwa go tlhama methini e mennye ya mogote o o kwa godimo e e fetlhang maatla a nyutlelia le go dira papatso ka yone mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele. PBMR ke Mothini o o Fetlhang Maatla a Nyutlelia wa Mogote o o Kwa Godimo (HTR ka Seesemane) wa enjene ya maatla a go tsidifatsa gase e e tswaletsweng ya heliamo.  Le mororo HTR e se yone fela e e tlhamiwang mo lefatsheng ga jaanong jaana, Porojeke ya Aforika Borwa e rulaganyeditswe gore e nne yone ya ntlha ya kgwebo ya HTR ya tiro ya go fetlha maatla a nyutlelia.

Puo e e neng ya neelwa ke Antwerpen kwa Khonferenseng ya Bodithabathaba ya  Baa ka Methini e e Fetlhang Maatla e dira gore go tlhongwe mogopolo mo go Dirweng ga Tsamaiso e e Atlegileng ya Digase Tse di Mogote mo kgaolong e e leng gaufi le lebota ya Mothini o o Fetlhang Maatla a a Tsidifaditsweng a Nyutlelia.  Kgang eno e botlhokwa thata ka gonne se se diregang fano ke tsamaiso e e itiragalelang ka boyone fela ya go latlhegelwa ke mogote ga dinyutleliase tsa diatomo e e amanang ka tlhamalalo le maemo a tshireletsego a PBMR. Megokagang e Gantsi seedi se se mogota se fetang ka yone ya Mothini o o Fetlhang Maatla a a Tsidifaditsweng a Nyutlelia [Pebble Bed Reactors (di-PBR)] e a sekasekwa, mme go elwa tlhoko thata gore a megokagang eo e siametse gore seedi se se mogote se ka feta ka yone mo kgaolong e e leng gaufi le lebota.  Dipholo tsa patlisiso eno di lekelediwa kwa dikagong tsa NWU mme di akaretsa go sekasekwa ga modiro wa mothini o monnye o o fetlhang maatla a a tsidifaditsweng a nyutlelia, o o neng wa agiwa dingwaga di ka nna thataro tse di fetileng, Mothini wa Tekeletso wa Mogote o o Kwa Godimo [High Temperature Test Unit (HTTU), le Mothini wa Tekeletso wa Kgatelelo e e Kwa Godimo [High Pressure Test Unit (HPTU). Fa HTTU le HPTU di le mmogo, di bopa Mothini wa Tekeletso wa go Fetisa Mogote [Heat Transfer Test Facility (HTTF)]. Ngaka Johan Slabber, e leng Motlhankedi-Mogolo wa Tsa Thekenoloji wa PBMR a re Patlisiso e e dirilweng ka PBMR mo dikagong tseno ya go batla metswedi e e kgonang go itsetsepela e e fetlhang maatla a nyutlelia, e botlhokwa mo nageng yotlhe.

HTTF ke porojeke ya Ntlha ya Mofuta o o Sa Tshwaneng le Ope [First Of A Kind Engineering (FOAKE)] mme diteko di ile tsa tlhagisa dipholo tsa mogote wa hydraulic wa di PBR o o neng o sa kgone go lekelediwa mo nakong e e fetileng.  Seno gape se supa bokgoni jo Ba-Aforika Borwa ba nang le jone jwa go aga methini e e ntseng jalo kwantle ga go inyatsa, go tlhomamisa gore isagwe e tlile go nna e e botoka.

Van Antwerpen o tlhagafetse tota ka go dira mekgwa e e farologaneng mo tirong ya boenjenere jwa nyutlelia, e bile o akanya gore gantsi maatla a nyutlelia a amanngwa fela le go fetlhwa ga one, mme ga se kgang fela ya go fetlhwa ga one. Mogote o o ntshiwang ke maatla a nyutlelia o ka dirisediwa go tlhagisa H2 e morago ga moo e ka dirisiwang jaaka motswedi o o farologaneng wa maatla a go emisetsa mafura a dikoloi le a dikoloi tse dingwe tse di tlileng go nna teng mo nakong e e tlang. Diphelelo tsa seno e tla nna dikoloi tse di sa senyeng mowa o re o hemang mo tikologong, tse di ntshang metsi go na le go ntsha digase tse di kotsi tsa CO2. Van Antwerpen o tlhalosa jaana, Ka ntlha go bo e ile ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang mo nakong e e fetileng mme segolobogolo e ile ya dirisediwa ntwa, nna maikaelelo a me ke go fedisa diphelelo tseno tse di sa siamang, le go tlhagisa kumo e e sa bakeng kotsi, e e tla felelang ka gore re nne le Aforika Borwa yo o phepa.



Mothini wa Tekeletso wa Mogote o o Kwa Godimo [High Temperature Test Unit (HTTU)] kwa Sekolong sa Boenjenere Jwa Nyutlelia kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU).



Werner van Antwerpen.

