SIFE e kopantsha baithuti ba YBB ka Kagiso






SIFE NWU fela maloba ba ne ba tshwere mokete ka gore ke yone fela e e leng mokgatlho o o laolwang ke baithuti o o leng ka mo dikhamphaseng tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB).

SIFE e mo ngwageng ya yone ya botlhano mme e simolotse ka mo khamphaseng ya Potchefstroom, mme jaanong jaana e na le maloko ka dikhamphaseng tsa Mafikeng le Khutlotharo ya Lekwa tsa YBB. Setlhopha sa SIFE se ne se etetse khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ka mafelo a 2008 mo ba ileng ba kwadisa baithuti ba ba 22 mme gape le ka letsatsi la 26 Mopitlwe 2009 baithuti ba ba 13 ba ile ba kwadisiwa kwa khamphaseng ya Mafikeng. Maribe Mamabolo jaanong jaana ke Moporesitente wa SIFE YBB mme Charl Muller o tlatsa setulo sa motlatsamodulasetulo.

Go ya ka Moporof Japie Kroon, moeteledipele wa porokerama ya kgwebosewa ka mo Sekolong sa Taolo ya Kgwebo le Kgwebosewa ka mo khamphaseng ya Potchefstroom mme le mogakolodi wa legoro wa SIFE YBB, baithuti ba YBB ba ineela mme ba tsaya matsapa go itokafatsa le go tokofatsa merafe e ba dulang mo go yone. Ba dira se ka go kopantsha metswedi ya bone le bokgoni jwa bone mme ba baya kwa thoko dipharologantsho tsa bone tsa kgale mme ba gatela pele go nna Yunibesiti e ruri e phedisang polelo ya letshwaokgwebo ya YBB e e reng  Poposewa ka Pharologano.

SIFE ke mokgatlho wa lefatshe ka bophara o o direlang ka mo dikhamphaseng di le 1600 mo mafatsheng a le 47 mme ba tsaya karolo e kgolo go tokofatsa lefatshe ka go fetola maphelo a batho ba ba fetang dimilione di le 4 mo lefatsheng ka bophara. Baithuti ba SIFE ba tsaya matsapa ka ditlha tsa kgwebo le tsa ikonomi ka go tlhomela diporojeke tsa ditlhopha tse di agilweng mo dipinagareng di le thataro tsa SIFE tsa ikonomi ya mebaraka, bokgoni jwa katlego, kgwebosewa, kitso-ikonomi, dietiki tsa kgwebo le kgwebo e e ka tswelelang. Baithuti ba ba tsayang karolo ka mo diporojekeng tsa SIFE ba amogela disetifikeiti tsa SIFE SA, tse di leng botlhokwa thata fa ba kopa ditiro le thapo ka gore baemeladitshenyegelo le dikgwebo tsotlhe di rata go thapa baithuti ba SIFE. Etela lefelo la wepe la SIFE go bona tshedimosetso e nngwe kwa: www.sife.org (Link: http://www.sife.org).

Setlhopha sa SIFE sa Khamphase ya Potchefstroom se ne sa nna le seabe mo kgaisanong ya bosethaba ya SIFE ka kgwedi ya Phukwi 2008 mme se ne sa ikgapela maemo a boraro mo karolong ya sone, sa fenya dikgele di le tlhano le awate ya Mogakolodi wa Legoro wa ngwaga. Kwa bofelong, go ne ga fenya Yunibesiti ya Kwazulu Natal.
Setlhopha sa SIFE sa YBB jaanong jaana se ipaakanyetsa kgaisano e e tlang ya sethaba e e tla tshwariwang ka Phukwi mme ba na le tsholofelo go ka tokafala maemo ka ba na le diporojeke tse dinthwa tse dintsi ngwaga e.



Go tswa mo molemeng go na le Moporof Japie Kroon, Mogakolodi wa Legoro mo Khamphaseng ya Potchefstroom le Moporof Kobus Cronje, Mogakolodi wa Legoro mo Khamphaseng ya Mafikeng.





Maloko a Khamphase ya Potchefstroom a SIFE YBB le maloko a mawa a Khamphase ya Mafikeng ka leeto la kwa Mafikeng.

