Go tshuba kerese mo lefatsheng le le lefifi






Potchefstroom - Batlhatlheledi ba School of Continuing Educational Training (SCE) mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ba dirile tshwetso ya gore ba dire maiteko a go thusa baithuti ba babedi ba difofu ka ditlhatlhobo tsa bone.

Mohumagatsana Hettie Sieberhagen, e leng motlhatlheledi mo sekolong seno, a re ka 2006, Mohumagatsana Jean Cumming, yo o thusang batho ba ba nang le bothata jono o ne a ba bolelela ka baithuti ba babedi ba difofu ba ba neng ba ikwadiseditse dipoloma ya bosethaba ya go ruta ya seporofeenale. Ka nako eo, Rre Ben Ngobane le Rre Laurence Ntshani ba ne ba ruta kwa Rivoni Society ya Difofu gaufi le Elim Hospital kwa Limpopo.

A re, e re ka lenaneo e le la thuto e e akaretsang botlhe, ba ile ba swetsa ka gore ba thuse baithuti bano. Modiri-mmogo wa botsamaisi wa SCE, wa Open Learning Group in Johannesburg, o ne a romela batlhatlheledi ba babedi kwa Giyani go ya go tlhatlhoba pele maemo a baithuti bano go bona gore a ba na le bokgoni jwa go ithuta. Ba ne ba dira sentle ka bobedi jwa bone mme go ne ga dirwa tshwetso ya gore tiro ya bone e buisiwe le go gatisiwa ka segatisa-mantswe ba bo ba e romelelwa.
Mohumagatsana Sieberhagen a re baithuti bano ba ne ba lere tiro e ba neng ba e abetswe ba bo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone ka methini e e tlanyang Mokwalo wa Difofu. Tiro eno ya bone e ne ya bowa gape ya tlanngwa ke mokgatlho wa difofu mme ya romelwa kwa SCE. Ka bobed jwa bone, ba ne ba folola ngwaga wa bone wa ntlha sentle.

Mohumagatsana  Cumming o ne a bowa a tlhatlhoba maemo a baithuti bano gape pele ba tswelela ka ngwaga wa bone wa boraro. Tiro ya bobedi jono e ne ya bowa gape ya buisiwa le go gatisiwa ka segatisa-mantswe ba bo ba e tlhalosediwa.

Mohumagatsana Sieberhagen a re morago ga go tshwara dipuisano le batsamaisi ba Sekolo le Open Learning Group, go ne ga dirwa tshwetso ya gore baithuti bano ba tlhatlhobiwe ka molomo. Gone jaanong jaana Ntshani o fudugetse kwa sekolong se sengwe, e leng Sekolo sa Bosele sa Difofu le Bosusu, se se bokgakala jwa dikilometara di le 43 ka kwa botlhaba jwa Groblersdal, koo a rutang gone Mokwalo wa Difofu, go thaepa ka khomphiuta le Seesemane. Rre Ngobane o sa ntse a le kwa Rivoni koo a rutang Mokwalo wa Difofu gone.
 Baithuti bano ka bobedi ba ne ba ipaakanyeditse ditlhatlhobo tsa bone sentle mme ba ile ba di wetsa gape ka katlego. Sieberhagen a re bobedi jwa bone ba saletswe ke ngwaga wa bone wa bofelo, e leng wa boraro, mme ba tlile go dira ditlhatlhobo tsa bone gape ka molomo mo bonnong jwa mongwe le mongwe wa bone ka Diphalane.

Sieberhagen a re Ruri seno ke maitemogelo a a botlhokwa tota fa motho a kile a dira mo go one le go bona maikutlo a batho bano ba nang le one.



Fano re bona badiri ba School of Continuing Education Training kwa Sekolong sa Bosele sa Difofu le Bosusu ka nako ya fa Rre  Laurence Ntshani a ne a ba tlhatlhoba ka molomo. Mo moleng o o kwa morago: Mohumagatsana Nozi Kgati, Charlene Brits le Rre Phillip Modisakeng. Mo moleng o o fa pele: James Varughese, Ntshani le Mohumagatsana Hettie Sieberhagen.





Rre Ben Ngobane (mola o o fa gare) o ne a dira tlhatlhobo ya gagwe ya molomo kwa Rivoni Society ya Difofu kwa Limpopo. O na le badiri ba School of Continuing Teacher Training. Fa thoko ga gagwe ke Mohumagatsana Nozi Kgati le Hettie Sieberhagen. Mo moleng o o kwa Morago: Rre Phillip Modisakeng le Mohumagatsana Charlene Brits.

