Tinara ya Metshameko ke thulaganyo ya ngwaga le ngwaga






VANDERBIJLPARK   Hisetori e dirilwe gape kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e rile Lefapha la Metshameko le tshwara kopano ya ntlha ya Dikabelo tsa tlotlo tsa Metshameko.
Ka nako ya kopano e e ka tlotliwang e khamphase e ile ya tlotla semmuso dikatlego tsa batshameki ba ba farologaneng ka mo mabaleng.  Go ya ka Mor Sean McCallaghan, Molaodi wa Metshameko, maikaelelo ke go dira dikabelo tse go nna tsa ngwaga le ngwaga mo batshameki ba banna le basadi ba tlotliwang teng dikabelo tsa go ba apesa le apesa gotlhe ka mebala ka dikatlego tsa bone  ka bongwe ka bongwe le ka ditlhopha jaaka tlotlo e tlhokega.

Noolwane wa  kirikete ya Aforika Borwa mme modulasetulo wa Stellavista, Ngk Ali Bacher e tsere matsapa go romela baithuti ba dikabelo lekwalo la go ba bolelela gore metshameko e tsaya karolo e kgolo mo morafeng o mongwe le o mongwe le ka mo lesakeng la khamphase ya yunibesiti. Maitsholo le maitseo a metshameko ka mo bothong jwa batshameki le mo dikgaisanong tse di siameng di dira gore motshameki mongwe le mongwe a nne moambasadoro wa bongwe mo sethabeng, ga re Ngk Bacher.

Ka nako ya puo ya gagwe, Moreketoro wa Khamphase, Moporof Piet Prinsloo o ne a boka batshameki ka go itlhaola ka mo mabaleng mme a tswelela go ba bolelela gore tinara le dikabelo ke mokgwa o o siameng wa go tlotla le go boka le go abela batho ba batshameki. Mongwe le mongwe wa lona o tlhoka go emisiwa ka mo podiamong ya bafenyi, ga re Moporof Prinsloo mme a tswelela go bua le go bolelela gore metshameko ka mo Khamphaseng e gola thata mme a re ene o posetifi thata ka kemo ya metshameko ka mo Yunibesiting.

Go dirilwe dikabelo tse tlhano tse di kgethegileng ka nako ya moletlo wa tinara e e ntlentle mme ga nna lesedi la kopano.

Dikabelo tse di kgethegileng di nnile: Monna wa Motshameki wa Ngwaga (Wilfred Mandiza), Mosadi wa Motshameki wa Ngwaga (Nadia Pretorius), Mokatisi wa Ngwaga (Reginah Motuang), Monna wa Motshameki wa Tswelelopele go Feta wa Ngwaga (Nuno Rodriques) le Mosadi wa Motshameki wa Tswelelopele go Feta wa Ngwaga (Dimakatso Moloma).

* Setlhopha se sengwe le se sengwe se se emelang Khamphase kwa USSA(University Sport South Africa) apesiwa ka mebala mme kapeso ya mebala e e tletseng e abelwa ditlhopha le batshameki ba ba fetsang mo maemong a mararo a a kwa godimo kwa dikgaisanong tsa USSA le bangwe ba ba amogelang mebala ya metshameko ya diporofense le tsa sethaba mo motshamekong o mongwe le o mongwe.





Go dirilwe dikabelo tse tlhano tse di kgethegileng ka nako ya moletlo wa tinara ya Dikabelo tsa tlotlo tsa Metshameko tsa kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB).






Moporesitente wa SRC ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa, Siphiwe Mbatha o bontshitse ruri gore ene ke monna wa dineo tse dintsi. O amogetse kapeso ya mebala ya Khamphase ka ene a ne a tsere karolo mo kgaisanong ya go aga mmele kwa kgatong ya USSA. Mor Harm Stavast o ne a le MC wa kopano mme dikabelo di ne di diriwa ke Moreketoro wa Khamphase.




Maloko a Balaodi ba Khamphase gammogo le bafenyi ba dikabelo. Go tswa mo molemeng go ya mojeng go na le: Mor Jacob Simango (Mokaedi: Merero ya Baithuti), Mor Bertie Visser (Mokaedimogolo: Dithelete le Dibebofatsi), Moh Dimakatso Moloma, Moh Elbie Steyn (Mokwadisi wa Khamphase), Mor Harm Stavast (Mokaedi: Tlhabololo ya Baithuti), Mor Wilfred Mandiza, Moporof Piet Prinsloo (Moreketoro wa Khamphase), Moh Reginah Motaung, Mor Sean McCallaghan (Molaodi wa Metshameko), Moh Nadia Pretorius le Mor Nuno Rodriques.

