Baithuti ba NWU ba ipelela metshameko ya methalethale






Ofisi ya Setheo  Baithuti ba ka nna 500 ba dikhamphase di le tharo ba ne ba nna teng boeng jaana mo Letsatsing la ntlha la Metshameko ya Baithuti mo Setheong [Institutional Student Sport Day (ISSD)] kwa Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokon-Bophirima (NWU).

Ditlhopha tse di farologaneng tsa Dikhamphase - Potchefstroom, Khutlotharo ya Lekwa le ya Mafikeng  di nnile le seabe mo dikgaisanong tse di farologaneng. Baithuti ba ne ba ipelela bolotloa ya banna, these, kgwele ya dinao, bolotlola ya basadi, tenese ya mo tafoleng, rugby le volley ball.

Go ya ka Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi: wa Merero ya Baithuti le Metshameko, boikaelelo jwa letsatsi leno e ne e le go dira gore baithuti ba dikhamphase tse tharo ba tsalane mmogo mo metshamekong. Ngaka Sedibe o ne a re, Ka go dira jalo, ba ne ba dira gore go rene moya wa go ikutlwa gore ke ba Yunibesiti e le nngwe fela.

Khamphase nngwe le nngwe e ne ya bontsha tse dingwe bokgoni jwa yone mme babogedi ba ne ba itumelela seo fela thata. Kgaisano e ne e se e e motlhofo, mme ditlhopha tsotlhe di ne tsa gakologelwa gore se di neng di se dira e ne e le go ijesa monate fela le go itumelela metshameko ka moo di neng di ka kgona ka gone.

Ka nako ya pulo ya dikgaisano tseno, setlhopha sa di-aerobic sa Khamphase ya Mafikeng se ne sa gakgamatsa baithuti botlhe ka go dira di-aerobic e le go simolola motshameko ono le go o bontsha ba bangwe.

Tiragalo eno e ne ya atlega fela thata mme ditlhopha tsotlhe di ne di ntshitse ga tshwene.







