Sekolo sa Dipuo ke legae la bakwadi ba ba itsegeng thata






Potchefstroom  Sekolo sa Dipuo sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke lefelo mo batho ba ba nang le bokgoni jwa go kwala e leng tlwaelo. Sekolo se ntsha sehuba ka bakwadi ba ba fetang palo ya 6 ya bakwadi ba ba itsegeng thata ba puo ya Seaferikanse.



Bakwadi ba ba itlhaola ka mekgwa e e farologaneng ya go kwala jaaka maboko, dikgankhutshwe, makwalo a bana le dibuka tsa akatemi.

Moporof Heilna du Plooy ke mmoki mme buka ya gagwe e e nthwa e bidiwa In die landskap ingelyf.  Gape o fetotse maboko a a kwadilweng ka dipuo jaaka Seaferikanse, Seesimane le Seholane. Ene ke Moporofesara wa ditlhangwa tsa Seaferikanse le Seholane mme jaanong jaana ke ene modulasetulo wa setlhopha sa serutwa sa Seaferikanse le Seholane. Go fitlhela jaanong o setse a kwadile thata mme o kwadile le buka ya akatemi ya Verhaalteorie in die twintigste eeu.

Moporof Hein Viljoen le ene ke mmoki mme buka ya gagwe ya maboko e biditswe Holtrom en groot kabaal.  Ene jaanong jaana ke Mokaedi wa Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa mo Bokaong jwa Aforika Borwa. Gape ene ke Moporofesara wa Ditlhangwa tsa Seaferikanse le Seholane.

Moporof Hans du Plessis, Mokaedi wa Sekolo sa go Kwala sa mo YBB, ke gone a fetsang go gatisa padi ya gagwe ya borataro. Ene ke mokwadi wa poposewa yo o gatisitseng ka mo mefutafuteng ya ditlhangwa jaaka maboko (Kleinwild, Gewete van glas, Innie skylte vannie Jirre, Boegoe vannie liefde and Hie neffens my), porouse (Grensgeval, Skuiwelinge, le Verbrande paradys), dipadi tsa bawa (Disse flippen stukkende wreld di, my ou; Bakgat en wat dan van my? le Ditsem Dawid), terama ya Broerse le terama ya mmino ya Liefde en oorlog. Gape ene ke mokwadi wa dikholomo ka mo dikuranteng tse dintsi le ka mo dijenaleng tsa bosaense mme kgobokantsho ya makwalo e gatisitswe ka leina la Splinters. Gape ene ke mokwadi wa palo ya dibuka tsa puo jaaka Variasietaalkunde, Sintaksis vir eerstejaars, En nou Afrikaans? Mme gape ene ke mokwadi wa diathikele tse di fetang 150 ka mo dijenaleng tsa mo sethabeng le ka mo bodithabathabeng. Padi ya gagwe ya bawa e setse e gatisitswe gasome mme go setse go rekisitswe dikhopi tse di fetang 60 000 tsa buka ya gagwe ya maboko ya Innie skylte vannie Jirre mme ke rekoto ya kgatiso ya megopolo ya Seaferikanse.

Moporof Franci Greyling ene ke moitseanape wa atshe ya go kwala, ditlhangwa tsa bawa le bana, tiriso ya inthanete le diporojeke tse di farologaneng tsa poposewa ka mo bokwading tse di tswang mo dirutweng tse di farologaneng. Palo ya dibuka di le robedi tsa bowa di setse di tswa peneng ya gagwe ka maina jaaka Die meisie van Melrosehuis le Vleuels soos die arende. Buka ya ditshwantsho, Formule drie, twee, een, ka popo ya ditshwantsho ka Vian Oeloefsen, e gatisitswe ka 2007. Palo ya maboko a gagwe a bana a tsentswe le one ka mo bukeng e e nthwa ya Kinderverseboek. Gape ene ke mobopi le motlhomedi wa Storiewerf, lefelo la wepe la bana le dibuka tsa bawa le lefelo la go thusa bana ba dineo tsa bokwadi le poposewa mo bokwading, le a setseng a e tlhokometse dilemo di le robongwe jaanong.

Moh Sophia Kapp ke Motlhatlheledi yo mowa wa Bofetoledi le Boranodi go tloga tshimologo ya ngwaga. Ene ke mokwadi wa diterama tsa lorato tse di ratiwang tsa Seaferikanse (Die erflating, 'n Nuwe lente, Waar die hart is le Die tuiskoms). Ya botlhano re utlwa gore e gaufi le go fetswa.

Ka mo godimo ga ba botlhe ba, Modini wa Legoro la Diatshe, Moporof Jan Swanepoel, le ene ke mmoki yo o gatisitseng dibuka tsa gagwe le ene mme ke jaaka My Rome brand so mooi,  Wat ver is en naby le By wyse van skrywe.

Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo, Moporof Wannie Carstens, ene ke mokwadi wa dibuka tsa akatemi mme le jaanong jaana o kwala ya boraro ya Teksredaksie, e a e kwalang ka tirisanommogo le modirammogo wa gagwe wa akatemi wa kwa Yunibesiting ya Antwerp kwa Belgium.  Dibuka tsa gagwe tsa pele ke Norme vir Afrikaans le Afrikaanse tekslinguistiek. 'n Inleiding.

