Setlhopha sa serutwa se lebelela tswelelopele ya tirisanommogo le bodithabathaba






VANDERBIJLPARK  Baemedi ba sethaba le ba mo bodithabathabeng  ba setlhopha sa serutwa sa Molao wa Thuto ba etetse fela maloba kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). Maikaelelo a kopano e ne e le go tlhomamisa tirisanommogo magareng a diyunibesiti le dithabathaba ka mo serutweng sa Molao wa Thuto.

Baakatemi ba ba neng ba etetse koo e ne e le Moporof Charlie Russo wa kwa Yunibesiting ya Dayton, Ohio le mosadi wa gagwe, Debbie le Moporof Rai Mestry wa kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).

Molao wa Thuto o lebelela mabaka a a tokafatsang temokerasi le mabaka a molao ka mo kgaolong ya dikolo le go direla pele go fokotsa kgethololo le kgatelelo le tirisompe ka mo dikolong.

Mabaka a a lebeletsweng
Moporof Elda de Waal wa mo Khamphaseng o ne a tladitse tiro ya Moporesidente wa Mokgatlho wa Molao wa Thuto wa Aforika Borwa((SAELA) South African Educational Law Association) go tloga ka 2003 go 2008 mme jaanong jaana ke Motlatsamoporesidente.

Pinagare mo nakong ya Moporof De Waal mo nakong ya gagwe ya Moporesidente wa SAELA e ne e le go rulaganya kgatiso ya Jenale ya JJS-UOVS(Journal for Juridical Science) ya Molao wa Thuto ka 2009. Thomeletso ya SAELA (ya Moporof De Waal le Moporof Ralph Mawdsley wa kwa USA) ba ne ba kopilwe go tsaya karolo mo go kwaleng ga Kgatiso ya Kgopotso ya Tlolto ya Moporof Hans Visser (UP) e e tlogang e gatisiwa.

Yo mongwe wa baeng ba kwa bodithabathabeng mo Khamphaseng tshwere dithapo tsa Moporofesara wa Tlotlo(Molao wa Thuto) ka mo YBB mme o etela Yunibesiti ngwaga le ngwaga.
Ka kgwedi ya Motsheganong Moporof De Waal o tla tsamaya leeto la patlisiso ya Molao wa Thuto kwa USA. Ka nako e o tla dirisana gaufi le Baporof Charlie Russo, Ralph Mawdsley le Nelda CambronMcCabe  botlhe ba kwa Yunibesiting ya Dayton, Ohio.

Morago ga kopano ya semmuso setlhopha se ile sa tsamaya leeto ka mo nokeng ya Vaal ka sekokobadi.



Ka mo pele go tswa molemeng go na le Moh Jeanine Keating (Moithuti wa MEd ya Molao wa Thuto), Moh Rina Landsberg, Mor Marius Smit, Moporof Elda de Waal (YBB Lekwa) le Moh Debbie Russo (USA). Kwa morago go tswa molemeng go na le Ngk Erika Serfontein (YBB Lekwa), Annamagriet de Wet, Elize Kng (Moithuti wa PhD Molao wa Thuto), Moporof Charlie Russo (USA), Moporof JP Rossouw le Moporof Raj Mestry wa kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).

