Bana ba tlile go ithuta go le gontsi ka go tlhokomela tikologo






Potchefstroom  Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) le Free University kwa Brussels di saenile tumalano e maikaelelo a yone e leng go dira gore dikolo tse di potlana di nne le kitso e e atologileng ya gore tikologo e ka tlhokomelwa jang kwa sekolong.

Porofesa Luc Hens wa yunibesiti e e umakilweng eno a re boikaelelo jwa porojeke ke go naya dikolo mabaka a go bo di tshwanetse go dira gore go nne le tsamaiso ya go tlhokomela tikologo le gore sengwe sa dilo tse dingwe tse di tshwanetseng go dirwa ke baithuti le ke barutabana ke go laola ditsompelo tsa sekolo, e leng metsi, motlakase, ditshingwana le matlakala ka tsela e e nang le maikarabelo. Dikolo di ka nna someamarataro mo dikgaolong di le tharo tsa naga di tlile  go nna le seabe mo porojekeng e e tlileng go tsaya lobaka lwa dingwaga tse tharo.

Porofesa Hense a re gape dikolo di tla rutwa go meta kgatelopele ya go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya go tlhokomela tikoloogo, e leng se gape se tla golaganang le patlisiso ka ga ditsamaiso tseno.

Mokaedi wa Sekolo sa dipatlisiso ka Kharikhulamo, e leng Porofesa Barry Richter, a re porojeke eno e naya sekolo thono ya go ithuta ka boemo jwa tikologo mo kharikhulamong ya sone, mmogo le go tlhokomela tikologo ka tsela e e nang le maikarabelo.

Porojeke eno e etleediwa ke lefapha la thuto la baagi la Flemish. Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa go ntse go na le porojeke e e batlang e tshwana le eno e e bidiwang Milieuzorg op School (Tlhokomelo ya tikologo kwa Sekolong) kwa Flanders.



Tumalano e e dirilweng fa gare ga Free University kwa Brussels le Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), e saeniwa ke Porofesa Luc Hens le ke mookamedi wa khamphase, e leng Porofesa Annette Combrink. Kwa Morago: Dr Schalk Raath wa Museumpark, leloko la boraro mo tumalanong eno, le le Porofesa Barry Richter, Mokaedi wa School sa dipatlisiso ka Kharikhulamo.

