Van Rooy o dira mo porojekeng ya Yunibesiti ya Cambridge






Potchefstroom - Porofea Herrie van Rooy was Lefapha la Thuta-Bodumedi o laleditswe go tla go dira mmogo le ba bangwe mo porojekeng ya Yunbesiti ya Cambridge ya mekwalo ya kwa Siria e gone jaanong e bolokilweng kwa Berlin.





Porofea Herrie van Rooy

Lefapha la Thuto ka Tsa Bodumedi la Sekolo sa Dithuto tsa Dinaga Tsa Botlhaba le Tsa Se-Aforika kwa Yunibesiting ya Cambridge le ne le simolola porojeke e ntha boeng jaana e e bidiwang Laeborari ya Sekeresete ya Porojke ya Turfan.

Porojeke eno e dira ka mekwalo ya bogologolo ya dipuo tse di farologaneng e e neng ya bonwa mo motsesetoropong wa Turfan kwa China kwa bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga la bo somerobonngwe e gone jaanong jaana e bolokilweng kwa Berlin. Letlha la mekwalo eno ya bogologolo ke ya lekgolo la dingwaga la bo somerobonngwe le la bolesome AD mme e tswa mo lefelong le ka nako eo go neng go nna Bakeresete mo go lone.

Go dirilwe khataluku ya mekwalo eno ya bogologolo mo porojekeng eno ka boikaelelo jwa gore go dirwe patlisiso e e oketsegileng ka yone. Ga go ise go gatisiwe dipe tsa dikabetla tsa mekwalo eno ya bogologolo. Mo gare ga mekwalo eno ya bogologolo go na le ya Sesiria e ka nna 300, e e kwadilweng ka se go tweng ke puo ya Kereke ya Se-Nesetoria le ya Dikereke tse dingwe tsa Dinaga Tsa Botlhaba. Kereke ya Se-Nesetoria e sa ntse e le teng gompieno, mme tse dingwe ke Kereke ya kwa Botlhaba, e e nang le maloko go tswa kwa Iraq, Turkey le dinaga di le mmalwatsa tsa Dinaga Tsa Bophirima. Se-Siria ke puo e e buiwang ke Ba-Semite e e buiwang kwa Dikerekeng dingwe tsa Dinaga Tsa Botlhaba e bile ke nngwe ya tsa ntlha tse Baebele e neng ya ranolelwa mo go tsone.

Go na le mekwalo mengwe ya bogologolo ya bolumo ya Dipesalema Tsa Siria Botlhaba tse di bonweng mo gare ga mekwalo eno ya bogologolo.

Gone jaanong jaana Porofesa van Rooy o tshwaragane le kgatiso e e botlhokwa ya mafoko a a tlhalosang ditshwantsho a Dipesalema Tsa Siria Botlhaba, mme o dirisa mekwalo ya bogologolo, segolobogolo ya lekgolo la dingwaga la borataro go ya go la bo sometharo. Setlhopha sa kwa Cambridge se kopile Porofesa van Rooy a dirisane mmogo le sone mo go tlhaole mafoko a a tlhalosang ditshwantsho mo dikabetleng tsa Dipesalema le go tsenya ditlhogo tsa mekwalo ya Se-Turfan mo tirong ya tlhabololo ya mafoko a a tlhalosang ditshwantsho a Dipesalema tsa Siria Botlhaba.

