Babatlisisi ba bodithabathaba ba tlhaba baithuti ba dipalo botlhale






Mafikeng  Babatlisisi ba le bararo ba bodithabathaba go tswa kwa ditheong tse di farologaneng ba ne boeng jaana ba etela Khampase ya Mafikeng ya Ynibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) go ya go tlhaba baithuti ba Yunibesiti botlhale.







Porofesa Masood Khalique, Tlhogo ya IISAMM, and Porofesa Tasawar Hayat go tswa kwa Yunbesiting ya Quaid-i-Azam kwa Pakistan


Porofesa Tasawar Hayat go tswa kwa Yunbesiting ya Quaid-i-Azam kwa Pakistan, Porofesa Anjan Biswas go tswa kwa Setheong sa Patlisiso le Thuto mo go tsa Optical Sciences and Applications, wa Delaware State University kwa United States of America (US) le Porofesa Gazanfar Unal go tswa kwa Yeditepe University, Istanbul, Turkey ba ne ba tshwaretse badiri le baithuti diseminara tsa International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (IISAMM).

Go ya ka Porofesa Masood Khalique, Tlhogo ya IISAMM, mmatlisisi wa bodithabathaba, e leng Porofesa Hayat go tswa kwa Yunibesiting ya Quaid-i-Azam, o ne a thusa baithuti ba gagwe ba babedi ba Masetase go tlhama didirisiwa tsa dipeipi tse go elelang dilo mo teng ga tsone tse di dirwang ka go dirisa Dipalo, tse di ka kgonang go dirisiwa mo madirelong a a farologaneng. Porofesa Hayat o ne a tshwarela baithuti le badiri mo setheong seminara ya Go bopa dilo ka tiriso ya dipalo le dilo tse di elelang ka go dikologa.

Ka kgwedi ya Ngwanaatsele wa ngwaga o o fetileng, Porofesa Biswas go tswa kwa Delaware State University le ene o ne a etela Khamphase. Porofesa Biswas, go tswa kwa Lefapheng la Applied Mathematics and Theoretical Physics, o ne a tshwara diseminara tse pedi ka Optical Soliton Perturbation in a non-Kerr law Media le Perturbation of topological Solitons.

O ne a gakgametse tota go bona ka fa baithuti (ba onase, Masetase le ba Bongaka) ba neng ba le botlhale ka gone.

Porofesa Unal, go tswa kwa Yeditepe University, o neetse puo ka Derivative Pricing 1: Black-Scholes Equation le ka Derivative Pricing 2: Bond pricing Equation e e neng e reeditswe ke badiri le ke baithuti ka Sedimonthole. Pampiri ya setlhogo se se reng Explicit solution processes for non-linear jump-diffusion equations e ne ya romelwa kwa go ba ba gatisang dikgang,, kwa go ba Dikhomphiuta le kwa go ba ba Dirang ka Dipalo, gore e gatisiwe fa go kgonega.

Porofesa Khalique o ne a tlhalosa a re, IISAMM e batla go tlhama mokgwa wa go rotloetsa le go tlhaloganya Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (SAMM) ka go golaganya patlisiso ya yunibesiti/go ruta le dilo tse di tlhokwang ke madirelo le matshwenyego a tsone, mmogo le go katsia baithuti go tsenela tiro eno.

Maikaelelo a seno ke go gatisa patlisiso e e itsegeng mo dinageng tsotlhe ya SAMM, go ngoka le go okamela baithuti ba patlisiso, le go itsiwe mo nageng e e leng mo go yone mmogo le kwa dinageng tse dingwe jaaka tikatikwe ya tiro ya maemo a a kwa godimo.  O ne a tlhalosa gore, Ga go kitla go nna thata go fitlhelela seno e re ka setheo se setse se dirisana mmogo le bomangkge ba ba leng mo nageng ya soe le ba dinaga di sele mo diporojekeng dingwe tsa bone.

Porofesa Khalique o ne a re, Ke leboga Mookamedi wa Setheo ka kemonokeng le kgothatso mo Lefapheng la patlisiso mme ke solofela gore baithuti ba dikolo tse dikgolo mmogo le baithuti mo yunibesiting ba tla tsenela tiro ya rona ya bobatlisisi.

Porofesa Khalique o setse a etetse diyunibesiti di le dintsi kwa moseja  kwa Russia, USA le kwa Turkey  go ya go dira patlisiso kwa go tsone.

