Baithuti ba nako e e fetileng ba ikgapela awate ya lefatshe lotlhe






Potchefstroom  Leina la moithuti mongwe wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), yo o tlhalosiwang e le mankge mo go tsa thekenoloji ya tshedimosetso mo Aforika Borwa, jaanong le ka nna la umakiwa mmogo le la ga Charlize Theron, morago ga gore a ikgapele awate ya bodithabathaba e mongwe le mongwe a ntseng a e meletsa mathe.





Porofea Dewald Roode

Awate ya boeng jaana ya LEO e e teeletsweng leina ka dirweboleta tsa kgwebo saense ya dikhomphiuta (The Lyons Electronic Office), e ne ya tshwarwa ka nako ya Khonferense ya Bodithabathaba ya Tsamaiso ya Tshedimosetso.

Porofesa Roode o ile a thusa go tlala seatla mo lefapheng la kgwebo mmogo le mo go tsa thuto. Gape o kile a nna porofesa wa lefapha le le neng le sa tswa go tlhomiwa kwa Rand Afrikaans University (RAU) ya maloba la saense ya dikhomphiuta fa e sa le ka 1971.


Morago ga moo, o ne a fudugela kwa University of Pretoria (UP) koo a fitlhileng a nna mokaedi wa ntlha sekolo sa yunibesiti eno sa thekenoloji ya tshedimosetso.

Ka nako ya go abiwa ga diawate, Porofesa John King wa Yunibesiti ya Michigan o ne a re Porofesa Roode e ne e le ene mosimolodi wa tiro ya go dira gore tsamaiso ya tshedimosetso e nne serutwa se se botlhokwa mo go tsa thuto mo kgaolong ya borwa jwa Aforika. Ka go dira jalo, go ne ga kgonega gore batho ba ba leng mono ba golagane le ba ba leng ka kwa bokone jwa ikweita.

E kwadilwe ke Lieze du Preez

