Baithuti ba bararo ba baakanyetsi ba kerafo ba kopilwe go tsaya karolo mo Kgaisanong ya Kakanyetso ya Diphuthelo ya Nampak






Potchefstroom - Baithuti ba mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB) ba baakanyetsi ba Kerafo, Carien Roberts, Adele Jonker le Nadia Roodt ke baithuti ba bararo mo go ba batlhano ba ba tlhophilweng go tsaya karolo mo Kgaisanong ya Kakanyetso ya Diphuthelo ya Nampak.

Kwadiso ya baithuti ka mo kgaisanong e ke ka kopo fela. Go tlhophiwa ga baithuti go tsamaisana le dikatlego tsa baithuti ka mo dikabelong tsa IPSA(Institute of Packaging SA) tsa Dikabelo tsa Phuthelo ya Gauta tsa Baithuti. E ne e le ka Dikabelo tsa Phuthelo ya Gauta tsa Baithuti tsa 2008 mo Carien Roberts a amogetseng katlego ya Propack Gold overall in design category Award mme gape o fentse karolo ya diphuthelo tsa tlhokomelo ya meno. Adele Jonker ene o fentse kabelo ya Propack Bronze overall in design Award mme gape o fentse le karolo ya diphuthelo tsa Nandos, mme Nadia Roodt o fentse kabelo ya meriti ka mo go yone karolo e.

Pontsho ya makgaolakgang ya mo Kgaisanong ya Kakanyetso ya Diphuthelo ya Nampak ya dipopo le dikakanyetso tsa bafenyi e tla tshwarelwa kwa Design Indaba Expo go tloga ka Tlhakole 27 go Mopitlwe 1, 2009, mme gape di ka gatisiwa ka mo makasining ya Design Indaba.

Baithuti ba ba neng ba kopilwe go tsaya karolo ba tla bona mosola gape go ithuta le go bona lesedi la bokamoso le boiphediso jwa go nna baakanyetsi ka mo tikologong ya dipopo tsa diphuthelo. Ba ka oketsa dipotefolio tsa bone mme ba ka bontsha bokgoni jwa bone mme go ka thusa gape go bopa dikakanyetso le dipopo tse di boleng.



Setshwantsho: Go tswa mo molemeng go na le Adel Jonker, Carien Roberts le Nadia Roodt.

