Moithuti wa Onase o tsa mo maemong a bobedi mo kgaisanong sethaba ya tekanyetso






Potchefstroom - Mongwe wa baithuti ba mo YBB wa onase ka mo Sekolong sa Ikonomi, Carike Claassen, o biditswe leina go tsena mo maemong a bobedi mo Kgaisanong ya Tekanyetso ya Nedbank Old Mutual ya 2008.

Carike o fentse kabelo e ya tlotlo e ka athikele e a e kwadileng ngwaga e e fetileng. Gape o ne a tshwanetse go emela ditherisano tsa phanele ya barerisani. Kgaisano e ya sethaba e tshwariwa ngwaga le ngwaga mme kabelo ya madi ke R15 000 e a e amogetseng ka ditiro tsa gagwe.

Barulaganyi ba tlhophile serutwa sa Ikonomi go tshwarela kgaisano e ya ngwaga le ngwaga.  Baikwadisi ba tshwanetse go kwala tlhamo mo ba arabang dipotso mme ba dire le ditshitshinyo tsa gore bone ba ka baya jang tekanyetso ya Aforika Borwa.

Moporof Wilma Viviers, Mokaedi wa Sekolo sa Ikonomi, a re kgaisano e ke kgwetlho le phaphamiso e kgolo mme ngwaga le ngwaga baithuti ba tlhotlheletswa go ikwadisa mo kgaisanong e. Ngk Riaan Rossouw le Moh Jacky van der Merwe ba thusitse baithuti go baakanya ditekanyetso tsa bone mo bofelong. Ngk Rossouw o ne a tsamaile le Carike kwa puong ya tekanyetso mme o boleletse gore o itlhaotse ruri ka ditherisano le barerisani mme o ne a le moemedi wa YBB PUK yo o kgatlhisitseng thata.
Moporof Viviers o rile gore mongwe le mongwe ka mo Sekolong sa Disaense tsa Ikonomi le Taolo ba tlotla Carike thata ka tiro ya gagwe.



Carike Claassen

