158 MBA's Awarded






NWU e aba didikerii di le 158 tsa MBA

Moithuti wa pele wa Afrikaans Horskool Sasolburg o abetswe go nna moithuti yo o gaisitseng wa MBA wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (Potchefstroom Business School - PBS) sa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima.

Mrs. Judy Cilliers (28), morerisane wa supply chain wa Sasol Ltd. o amogetse mmentlele wa gauta wa  Old Mutual jaaka moithuti yo o nang le maduo a a gaisang mo dingwageng tse tharo a ithutela dithuto tsa MBA gammogo le mmentlele wa selefera wa sekwalwa se se gaisang mo setlhopheng sa bona sa go ithuta go tswa go ba Professional Provident Society.

Ka Labotlhano, 6 Motsheganong 2005, PBS e ne e le beng-moletlo wa ngwaga le ngwaga wa go direla badikerii ba MBA dijo tsa bosigo koo go neng go abiwa dikabo tse di farologaneng.

Palogotlhe ya dikerii di le 158 tsa MBA di ne tsa neelwa go sa le gale ka letsatsi la Moletlo wa Dikapeso tsa MBA kwa Khampaseng ya Potchefstroom.

Mokhuduthamaga-mogolo wa ga jaana wa Fraser Alexander, Mr. Lambert van der Nest (37), yo e leng mopakakgwebo le mongkgwebo, o amogetse kabo e e kgethegileng ya tlotlo ka ntlha ya seabe sa gagwe se se botlhokwatlhokwa mo tsosolosong ya ikholoji mo Aforika Borwa.

Jaaka moithuti wa pele wa Potchefstroom University for Christian Higher Education (PU for CHE) o amogetse gape kabo ya diphitlhelelo tse di gaisang go feta ka 2001 fa a digela dikerii ya gagwe ya MBA.

Ka 2000, Cilliers, yo o falotseng materiki wa gagwe ka dinaledi di le tlhano, o ne a abelwa kabo ya go nna moithuti yo o gaisitseng wa B.Sc. O bone dikerii ya gagwe kwa yunibesithing ya pele ya PU for CHE ka Dianaledi (CumLaude).

Ditiro tsa gagwe mo maemong a gagwe a ga jaana kwa Sasol Ltd. di akaretsa tlhabololo ya mafaratlhatlha a rolling Supply Chain go ba Sasol.

Setlhogo sa sekwalwa sa gagwe ke Investment Potential assessment: An Analysis Model.

Go ya ka Prof. Tommy du Plessis. Mokaedi wa PBS, sekolo se itlama go tswelela go neelana ka ditharabololo tse di diragatsegang tsa kgwebo le go ruta bakaedi go nna le seabe mo tlhabololong e e atlegileng ya ikonomi ya Aforika Borwa.

Mo moletlong wa maemo a a kwa godimo oo neng o tshwerwe palogotlhe ya baithuti ba MBA ba le 22 ba ba weditseng dithuto tsa bona ba ne ba abelwa dikabo go ya ka diphitlhelelo tsa bona tse di farologaneng.


Mrs. Judy Cilliers, morerisane wa chain supply kwa Sasol Ltd. ke moithuti yo o gaisitseng wa MBA wa 2004 wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom mo Yunibesithi ya Bokone-Bophirima. O amogetse dikabo tse di farologaneng kwa moletlong wa dijo tsa bosigo ka Labotlhano. Ba ba nang le ena go tswa ka fa molemeng ke boproff. Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS, Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom, Deon de Klerk, Deon de Klerk, Modini wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri.

