Jaanong Khamphase e ipaakanyeditse go kgaoga ga motlakase






Potchefstroom  Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) jaanong e ipaakanyeditse go lebana le dikgaogo dipe fela tsa motlakase tse di ka nnang tsa nna gone kwantle ga go latlhegelwa ke diura tsa tiro, tsa mo tlelaseng kgotsa nako ya go dira patlisiso.

Boeng jaana Mookamedi wa Khamphase e leng Porofesa Annette Combrink o ne a tsenya tirisong tsamaiso ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso. Tsamaiso eno e e nang le ditlamela ka motlakase di le thataro tsa Cat tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le maatla a a kana ka 1 100kVA, a a fitlhang go 6600kVA (6,6MVA) fa a kopantswe otlhe, e tlhomologile tota mo Aforika Borwa ka gonne e ka kgona go tlamela mafelo a le mararo a a farologaneng ka nako e le nngwe fela. Dijenereitara tse thataro tseno di ka kgona go dirisiwa e le nngwe ka nako, go ikaegile ka gore motlakase o tlhokega kwa karolong efe ya kago.  Seteiene-segolo sa mo khamphaseng le sone se ile sa tlhabololwa gore se kgone go dirisana sentle le tsamaiso e ntha eno.

Go kgaoga ga motlakase go go sa rulaganyediwang
Fa motlakase o ka tingwa ke lekgotlatoropo, dijenereitara di tla simolola go bereka di bo di dirisana le seteiene-potlana go thusa ditlamela-ka-motlakase tsa mo khamphaseng ka bongwe ka bongwe ka tatelano ya gore ke lefelo lefe le le tlhokang motlakase pele ga a mangwe.
Go tsog ga motlakase ka tsela eno go tshwanetse ga wediwa mo metsotsong e le tlhano. Go tsoga ga motlakase wa lekgotlatoropo mo khamphaseng go tla direga kwantle ga gore o o tlamelwa ke dijenereita tsa rona o time pele.


Go kgaoga ga motlakase go go rulaganyeditsweng
Fa Eskom e ka boa gape e simolola thulaganyo ya go imolola motlakase, mme re itse gore seno se tlile go direga ka dinako dife, tsamaiso ya go tsoga motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso e tla baakanyediwa seno go sa le gale gore e tsose motlakase kwa ntle ga gore o kgaoge pele. Kgaso ya thelebiene ya metshameko ya Sejana sa Yunibesiti e gaswa kafa tlase ga thulaganyo eno. Supersport e kopile gore metshameko e e gasiwang ka tlhamalalo mo maitseboeng wa Bo-Mantaga e gaswe go dirisiwa thulaganyo eno ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso go tlhomamisa gore ga go kitla go nna le go tima gope ga motlakase ka nako ya dikgaso.

Gape, tsamaiso ya go tsosa motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso e tsentswe ditanka tsa disele tsa dilitara di le 23 000.

Rre Louis van der Ryst, Mokaedi wa Tlhabololo ya Dikaog le Dithulaganyo a re badirisi ba motlakase ba tshwanetse gore ba se ka ba lebala gore tsamaiso eno ke e e dirisediwang fela go tima ga motlakase ka tshoganyetso. Gone jaanong jaana, khamphase e dirisa maatla a a ka fitlhang kwa go 8,5MVA, mme tsamaiso ya go tlamela ka motlakase fa o tima ka tshoganyetso yone e ka tlamela fela ka maatla a a fitlhang kwa go 6,6 MVA. O kopile badiri gore ba dirise fela didirisiwa tse ba di tlhokang ka nako ya fa motlakase o kgaogile ka tshoganyetso le go tima didirisiwa ts dingwe tse di jaaka difetlha-mowa o o tsididi tsa motlakase. Go eletswa gore didirisiwa tse di ka kgonang go senngwa ke go kgaoga ga motlakase di tsenngwe UPS, ka gonne go motlakase o lekgotlatoropo le tlamelang ka one o kgaoga go sa lebelelwa.




Porofesa Annette Combrink o lebile diphanele tsa dijenereita tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse di tsentsweng mo Khamphaseng ya Bophirima.





Ditlamela ka motlakase di le thataro tsa Cat tse di tsosang motlakase fa o ka kgaoga ka tshoganyetso tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le maatla a a kana ka 1 100kVA, a a fitlhang go 6600kVA (6,6MVA) fa a kopantswe otlhe, pelenyana fela ga fa di tsenngwa mo kagong ya Khamphase ya Bophirima.

