Matlisisi ka pelo le ditshika tsa madi yo o itsegeng mo lefatsheng lotlhe o etela HART






Potchefstroom - Hypertension in Africa Research Team (HART), e leng nngwe ya ditiro tse dia tse di dirwang ke Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU), e ne boeng jaana ya amogela moeng wa yone wa ntlha wa bodithabaithaba mo Khamphaseng ya Potchefstroom

Maloko a badiri ba HART a ne a kopana le Porofesa Luc van Bortel mo dikhonkereseng tsa nako e e fetileng mme a swetsa ka gore a mo laletse gore a tle mo Aforika Borwa. Porofesa van Bortel ke mmatlisisi wa bodithabaithaba wa go itira dikgoto ga madi mo ditshikeng yo o itsegeng mo lefatsheng lotlhe mme o kile wa tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale ka tsela e ditshika tsa madi di agegileng ka yone le tiro ya tsone, mme ba ba neng ba le teng mo go yone e ne e le maloko a badiri go tswa kwa lefapheng la disaense tsa pholo.

Go ya ka Porofeas Alta Schutte, yo e leng moeteledipele wa porojeke ya HART, Porofesa van Bortel o ile a supa gore a ka rata go thusa yunibesiti gape mo isangwe ka tiro e ntha eno eo e e dirang.



Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Ngaka Rudolph Schutte, Rre Ruan Kruger, Porofesa Hugo Huisman, Mohumagatsana Carla Fourie, Boporofesa Schutte, Luc van Bortel, Leon Malan, Nico Malan, Mohumagatsana Lisa van Lill, Ngaka Szabolcs Peter, Mohumagatsana Lanthe Palmer le Porofesa Johannes van Rooyen.

