Mmegadikgang e leng Mohumagatsana Mischke o thusa go atolosa go begwa ga dikgang ga Aforikanse






Potchefstroom  Mosadi yo o nang le maitemogelo yono wa mmega dikgang yo o neng a tuma mo tirong ya gagwe ya go bega dikgang mo dikuranteng tsa Aforika Borwa o ne a ithutela bobegadikgang lekgetlo la ntlha kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Mohumagatsana Anne-Marie Mischke, e leng motlatsa-motseleganyi mogolo wa Rapport yo o rotseng tiro boeng jaana, o ne a ikwadisa jaaka moithuti wa ngwaga wa ntlha kwa Potchefstroom University for Christen Higher Education (PU for CHE) ya maloba, a ikwadisetsa gerata ya saense ya bobegadikgang ka 1962. Mo ngwageng wa gagwe wa bobedi, o ne a swetsa ka gore a dire patlisiso ka dipuo a dirisa Aforikanse-mme o ne a dira patlisiso ka dipuo tsa kwa Netherlands le Jeremane.




Morago ga seno, o ne a ikwadisetsa dipoloma ya morago ga lekwalo la boalogane la saense ya laeborari mme fa a sena go bona ditshwanelego tseno tse pedi, o ne a ya kwa Rand Afrikaans University (RAU) ya maloba kwa a fitlhileng a wetsa gerata ya gagwe ya onase teng mo thutong ya saense ya laeborari. E ne e le ene moithuti wa morago ga lekwalo la boalogane go nna leloko la yunibesiti e ntha eno ya Aforikanse kwa Johannesburg, kwa Gauteng mme ka nako ya dithuto tsa gagwe teng koo, o ne a dira mo laeboraring ya setheo seno.

Fa a sena go bona gerata ya gagwe ya onase, o ne a gatela pele ka go ya Jeremane koo nngwe ya ditiro tse a fitlhileng a di dira teng e neng e le go direla mo bodirelong  e leng sengwe se BA-Aforika Borwa ba le bantsi ba neng ba sa akanye go se dira mo dingwageng tseo. Fa a sena go boela kwa nagagaeng ya gaabo o ne a ikutlwa a sa ntse a rata bobegadikgang. Moagi yono yo o kileng a bo a nna kwa Klawerhof o ne morago ga moo a tsenela bobegadikgang mme a fetsa dikgwedi di le somerobedi a kwala dipego tse di neng di balwa mo radiong ya South African Broadcasting Corporation (SABC). E ne e le ka dingwaga tsa fa go ne go ise go nne le thelebiene.

Morago ga moo o ne a nna leloko la lefapha la basadi la Bateransefala. O ne a tlhalosa tshimologo ya gagwe ya pego ya sepolotiki a re ke tshekamelo fela ya tlholego ya go nna mmegadikgang wa sepolotiki. Sa ntlha, o ne a dira dipego ka tsa sepolotiki tsa lekgotlatoropo, mme morago ga moo tsa akaretsa dipego tsa mo porofenseng le tsa mo nageng yotlhe.

A re mo dingwageng tseo, go ne go ise go nne le babegadikgang tsa sepolotiki ba basadi, mme go goroga ga gagwe kwa kagong ya bobegadikgang kwa palamenteng  jaaka motho yo o buang Aforikanse e bile e le mosadi  e ne e le selo se se sa tlwaelegang. Ka lesego, Mohumagatsana Helen Zille, yo ka nako eo e neng e le mmegadikgang tsa kuranta ya letsatsi le letsatsi ya Seesemane, e leng Rand Daily Mail, o ne a dira tiro e e tshwanang le ya gagwe.

E ne ya nna mo kagong eno ya bobega dikgang e Mohumagatsana Mischke, yo moragonyana a neng a direla Rapport, a neng a bona ditiragalo tse dikgolo tsa sepolotiki mo dingwageng di le masome a le mmalwa a a fetileng. Ka sekai, o ne a le teng koo fa National Party (NP) e ne e thubega mme go bo go tlhamiwa Conservative Party (CP), o ne a le teng koo fa go ne go dirwa kitsiso ya go amogelwa semmuso ga African National Congress (ANC) e bile o ne a le teng koo fa FW de Klerk le Nelson Mandela ba ne ba tsena mo palamenteng lekgetlo la ntlha.

Ka go dira jalo le ka go kwala dipego tse di boteng jaaka mmegadikgang wa sepolotiki,  go ya ka barutegi, Mohumagatsana Mischke o ne a itshupa e le mokwadi yo o nang le temogo le yo o thusitseng fela thata gore batho ba le bantsi ba tle ba utlwiwe fa ba tlhalosa maikutlo a bone ka Aforikanse.

Fa Porofesa Jakes Gerwel a ne a akgola Mohumagatsana Mischke, o ne a re o thusitse mo go direng gore kholomo ya Aforikanse mo kuranteng ya Rapport e nne e e tlhomologileng mo go tse dingwe le e e sa tlhaoleng. Porofesa Hermann Giliomee, e leng mmatlisisi le mokwadi wa hisitori go tswa kwa Stellenbosh, o ne a mo akgolela seabe sa gagwe se se botlhokwa le se se nang le maikarabelo se a nnileng le sone lobaka lo lo leele mo tirong ya go bega dikgang mo kuranteng ka Aforikanse gore a thuse mo go atoloseng le mo go direng gore dikgang di kgone go begwa ka Aforikanse.  E ne e se motho yo o phaphang. Ka bonolo jwa gagwe, o ne a thusa mo go direng gore maikutlo a batho ba bangwe a utlwiwe ka Aforikanse, o ne a bua jalo fa a ne a mo akgola.


Go ya ka Mohumagatsana Mischke, o tlile go ipoloka a tshwaregile ka go dira tiro ya go ranola le go tseleganya. Mme o setse a letetswe ke dikabelo tsa ntlha tsa tiro.

E kwadilwe ke Lieze du Preez

