Porokerama ya tekeletso ya BMI ke ya maemo a lefatshe






Potchefstroom - Porokerama ya QRM(Quantitative Risk Management) ya Onase ya BSc ya Senthara ya BMI (Business Mathematics and Informatics) ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima e amogetse temogo go tswa go mebeleng e mebedi ya boithutelo ya taolo ya tekeletso ya bodithabathaba e e leng ya PRMIA(Professional Risk Managers International Association) le ya ERM-II(Enterprise Risk Management Institute International. Gape le mokaedi wa Senthara ya BMI, Moporof PJ de Jongh, o boditswe go emela ASSA(Actuarial Society of South Africa) kwa Komiting ya Lenaanethuto ya Lefatshe ya ERM.

PRMIA (leba kwa http://www.prmia.org/ (Link: http://www.prmia.org/) ) e dumetse porokerama ya katiso ya Onase ya BSc ya QRM mo kgaolong ya 1 le 2 mo porokerameng ya bone ya porokerama ya bone ya kwadiso ya PRM. Porokerama ya Onase ya BSc ya QRM ke ya boraro fela mo lefatsheng go fiwa kwadiso le temogo e. Pele ga kamogelo e tse di amogetseng kwadiso ke tsa Senthara ya ICMA kwa Yunibesiting ya Reading (kwa UK) le ya Senthara ya Applied Finance kwa Yunibesiting ya MacQuarie (kwa Australia) tse di amogetseng kemo e mo diporokerameng tsa bone tsa MA tsa Taolo ya Tekeletso le ya Dithelete tse di Dirisitsweng. Porokerama ya kwadiso ya PRM (Professional Risk Manager) ke kemo le boleng jwa lefatshe ka bophara ya kwadiso le temogo ya baeteledipele ba baithutedi ba tekeletso ya taolo ya dithelete. Ka e dumelwa ke dikgwebo tse di etelelang pele le diporokerama tse di etelelang pele tsa didikerii, e tsenya baithuti go feta mafatshe a mantsi go feta porokerama e nngwe le e nngwe ya balaodi ba tekeletso.

ERM-II (leba kwa http:/www.ermii.org/) e bopilwe ke setlhopha sa diyunibesiti sa bodithabathaba, bontsi go tswa kwa USA, ka tsepamo mo thutong, patlisisong le katiso ka mo thulaganong ya ERM(Enterprise-wide risk management). ERM-II e tlhometswe ka maikaelelo a go arabela ditlhokego le dikgwetlho tsa baithutedi ba bokamoso ba tekeletso balaodi ba ERM mme tsepamo ke go lebelela thata tsa baithutedi ba bagakolodi. Palo ya mekgatlho ya bagakolodi ba ema nokeng ditiro tsa ERM-II jaaka ya Society of Actuaries kwa USA, le Casualty Actuarial Society kwa USA, le Institute of Actuaries kwa Australia.

Go ka kgona go bona kwadiso le temogo, ditheo ka bobedi tsa PRMIA le ERM-II di ile tsa atlhola boleng jwa diporokerama tsa patlisiso ya tekeletso tsa Senthara ya BMI, le boleng jwa diporokerama tsa katiso ya tekeletso le boleng jwa batlhatlheledi ba ba rutang diporokerama(ka di-CV tsa bone) le tirisanommogo le intaseteri ya dithelete.

Fela maloba ASSA(Actuarial Society of South Africa), go tsamaya ka moporesitente wa one, Mor Garth Griffin o thapile Moporof Riaan de Jongh, mokaedi wa Senthara ya BMI, go emela ASSA mo Komiting ya Lenaanethuto ya Lefatshe ya ERM mo Mokgatlhong wa Bodithabathaba wa Bagakolodi mo Lefatsheng. Mo lefatsheng bagakolodi ba simolola ba tsaya karolo mo taolong ya tekeletso mo dikarolong tse dintsi mme maikaelelo a a Lenaanethutong la ERM ke go tlhabolola maemo le diteng tsa porokerama ya katiso ya baithutedi ba batseneledi ba bagakolodi.

Go ya ka Moporof De Jongh, kwadiso le temogo go tswa kwa go PRMIA le ERM-II le temogo ya ASSA ke bopaki jwa gore porokerama ya katiso ya tekeletso ya Senthara ya BMI le Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, di itlhaotse baeteledipele mo Aforika Borwa mme ba lekana le baeteledipele ba mo lefatsheng. Se se ne se ka se diragale kwa ntle ga thuso le matsapa tsa badiri ba ba boleng ba dirutwa tsa mananepalo, ikonomi, palotlotlo, dipalo le saense ya dikhomphutara le thata, Balaodi ba YBB.

Ditiro tse dingwe tsa Senthara ya BMI ke jaaka go maketa dithulaganyo tse di tlhabolotsweng ke Moporof Dawie de Jongh (UltimateAlpha: to fund managers in the UK) le Moporof A de Waal (AutoGann: to banks in the UK). Moporof Machiel Kruger gantsi o etela kwa Yuropa go ruta dikhoso tsa Ditekanyo tsa Ditekeletso, kumo ya SAS le fela maloba moithuti wa MA wa BMI, Eddie King, yo o feditseng porojeke ya gagwe ya patlisiso e e lebeletseng intaseteri kwa Barclays kwa London. Mor Ian Wilson (Barclays, Group Credit Risk) o bokile Eddie ka go re ene ke moithuti wa MA yo a gaisitseng botlhe ba a kileng a na le tlotlo ya go dirisana le bone.

Go tlhokega gape gore go elwe tlhoko gore ABSA (karolo ya setlhopha sa Barclays)  e santse e ema nokeng thata porokerama e ka kabelo ya dithelete tsa tiragatso ya porokerama ya dibasari tsa gore go fetse baithuti ba ba 10 ba MSc ka ngwaga le go tlhomela porokerama ya patlisiso ya tiragatso ya tekeletso. Setheo sa SAS gape e tlhometse laboratoriamo e ba e bitsang RiskLab ka mo Senthareng ya BMI. Ka tshwanelo, bontsi jwa ditiro tsa go porokerama tsa baithuti di diriwa ka mo SAS mme se se dira gore tlhwatlhwa ya baithuti ka mo mmarakeng e oketsege, ka lebaka la gore ditharabololo tsa SAS di dirisiwa thata ka mo tikologong ya tirelo ya dithelete.

