Motlhatlheledi o newa mmentlele wa kakgolo






Potchefstroom - Kgang ya lerato ya ga Du Plessis e e gapang maikutlo e e bidiwang Verbrande paradys (Paradaese e e eleng) Padi ya borataro ya ga Porofesa Hans du Plessis, e leng Mokaedi wa sekolo sa Yunbesiti ya Bokone Bophirima (NWU) Afrikaanse Taal en Kultuurvereniging (ATKV) sa go kwala ditlhamane, yo gape e leng mokwadi wa Griekwapsalms, e sa tswa go tsenngwa mo mabenkeleng.

Padi eno, e leng Verbrande paradys, ke kanel e e raraaneng ya batho ba ba tswang mo tikologong ya ikholoji e e gakgamatsang ya Vredefort Dome. Go lebega padi e ntha eno ya ga Porofesa Du Plessis e tlile go nna e nngwe ya tse di tla rekwang go di gaisa tsotlhe: Fa Rre Danil Hugo a ne a sekaseka diteng tsa yone, o ne a re ke padi e e tshwanang le tse dintsintsi tsa ga Dalene Matthee.

Ka ngwaga wa gagwe wa bofelo wa sekolo, Sybrand Venter o patelesega ka bonako go sikara maikarabelo a batho ba ba setseng ba godile ka gonne leso la ga rraagwe le ne ka tshoganyetso la wela ba lelapa la ba ga Venter, la ba ga Spogter le la ba ga Nel jaaka leje le legolo le le weleng go tswa kwa lefaufaung. Mo gare ga marara ano a a diregang kwa Eden, go na le Reinet Venter yo o nang le sephiri sa nako e e fetileng.

Sephiri seno ke sone se se tla laolang gore tshimologo ya thatano ya ga Sybrand le Emma Nel wa polasi e e fa gaufi e tlile go tsamaya jang.  Botshelo jwa ga Andries Spogter wa moatlelete le jwa ga Henro Venter yo pelo ya gagwe e shwegaswegelang go lema bo amilwe ke mosadi yono yo ba sa mo itseng yo go leng thata go mo tlhaloganya. A isagwe e e sa itumediseng e Eden e tlileng go nna le yone ke e Dome le yone e tlileng go nna le yone?

Tikologo eno e e leng lefelo la boswa jwa lefatshe lotlhe ke lefelo le le tshwanelegelang thata gore kgang e e gapang maikutlo eno e diragalele mo go lone. Mme le mororo setlhogo se go buiwang ka sone mo go yone e le tshomarelo ya tikologo, eno ga se padi e e buang ka ikholoji kgotsa padi e e buang ka tsa temo. Ke kgang ya lerato, mme padi eno ga se padi ya lerato, e bile gape ke kgang ka baa, le fa gone e se kgang e e kwaletsweng baa.

Verbrande paradys ga se padi e e welang mo setlhopheng se se rileng sa dipadi, mme kgang ya yone e e tsayang ditsebe di le makgolo a le man e e  kwadilweng ke mokwadi wa Mo-Aforikanse e gapa mmadi maikutlo.

?  O setse a kwadile dikgatiso di le 150, mme dingwe tsa tsone ke makwalopaka a bosethaba le a bodithabathaba, mmogo le dibuka di le dintsi tse di tlotlang ka tsela e dipuo di dirang ka yone.  Ka 1978, mokwadi wa ditlhamane e leng Du Plessis o ne a golola kgatiso ya gagwe ya ntlha ya bolumu ya maboko, e leng Kleinwild. Morago ga yone, o ne a gatisa Gewete van glas, mme morago ga eo ga latela padi ya Grensgeval. Mo masimologong a dingwaga tsa somearobonngwe, go ne ga gololwa padi ya baa e leng Disse flippen stukkende wreld di, my ou.  Ka 1995, go ne ga gatisiwa padi ya Bakgat, en wat dan van my, mme ka 1996 Ditsem, Dawid mme ka 2001 ga gatisiwa bolumo ya maboko ya Innie skylte vannie Jirre, e go setseng go rekisitswe dikhopi tsa yone di ka nna 60 000 - e leng palo e e kwa godimo go di feta tsotlhe ka puo ya Se-Aforikanse ya dibuka tsa puiso-kwalo e e kileng ya gatisiwa.

Ka Lwetse 2002, go ne ga gatisiwa bolumo ya maboko ya Griqua, e e bidiwang Boegoe vannie liefde, e dikhopi di le 10 000 tsa yone di neng tsa rekisiwa mo ngwageng wa yone wa ntlha. Ka 2003 go ne ga tlhagisiwa buka e potlana, e e bidiwang Hie neffens my, e e nang le ditshwantsho e e kwadilweng ke Heleen Theron. Ka Lwetse 2004 go ne ga gatisiwa Splinters, e ditlhogo dingwe tsa tsone di neng di tlhophilwe go tswa mo dikholomong.


Burnt paradise (Paradaese e e &#353;eleng), (Link: /opencms/export/system/galleries/pics/nwu-news/Internet_20_Februarie_2009_pics/final_cover.jpg.pdf) e leng padi ya boeng e e kwadilweng ke Porofesa Hans du Plessis, e gakolola motho ka dipadi tse dintsintsi tsa ga Dalene Matthee. Go lebega kgang ya yone e e mo ditsebeng di le makgolo a le man e tlile go gapa babadi mogopolo le go ba ama maikutlo.

E kwadilwe ke Lieze du Preez

