Moithuti wa bodithabathaba o kgona mathata go fitlhela toro ya gagwe






VANDERBIJLPARK  Bokamoso jwa ga Yifu Zhang, mowa wa kwa toropong ya Yiyang City kwa porofenseng ya Hunan kwa China, bo bulegile mme bo tletse lesedi .

Moithuti yo wa bodithabathaba  wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba o amogetse kabelo ka a bontshitse tswelelopele le boineelo go feta botlhe mo dithutong tsa gagwe le ka go fetsa dikerii ya gagwe ya Disaense tsa Thuto.

Morago ga dilemo di le 4 ka mo Vanderbijlpark, Yifu o tla boela gae go tswelela ka boiphediso jwa gagwe go nna morutabana. Kwa ntle ga go dula kgakala le balosika le ditsala tsa gagwe o ne a tshwanetse go fenya le mathata le ditshireletso tsa puo le go tlwaela ditso tse diwa.

Go ya ka Moporof Mary Grosser wa kwa Sekolong sa Disaense tsa Thuto, katlego ya ga Yifu ke sekao mo bathong botlhe. Re ithutile rotlhe ka ene gore fa o batla sengwe ka pelo yotlhe o ka dira ka maatla mme o leka gotlhe gore o arabe ditoro tsa gago, ga re Moporof Grosser.

Thuto ke bophelo le madi a ga Yifus.  Batsadi ba ga Zang le bone ke barutabana mme ke ka ntlha e borutabana e ne e le se le ene a se tlhophileng go nna boiphediso jwa gagwe. Ke tlile mo Aforika Borwa go fetsa dithuto tsa me le go tokofatsa Seesimane sa me, ga re Zang mme a tlaleletsa ka go re thuto ke boiphediso jo bo siameng thata. Ga go kgathalesege gore kgolo ya ikonomi kampo ditshogo tsa mathata a ikonomi ke eng, batho ba santse ba ka tlhoka thuto. Kwa China go na le tlhokego e kgolo ya barutabana ba ba kgonang go ruta Seesimane. Go na le nnete e e sa fetiweng ke sepe  Yifu ke sekao mo go botlhe mme le baithuti ba ba tseneng le ene ba re jalo.

Yifu o tla amogela dikerii ya gagwe ya BEd ngwaga e mme dirutwa tsa gagwe tse di kgolo ke Saense ya Dikhomphutara, Saense ya Tlholego le Jeokerafi.



Moporof Mary Grosser wa Sekolo sa Disaense tsa Thuto le Zhang.

