Letsatsi le go tshameka kolofo le tsenya lotseno lwa madi mo Letloleng la Mothanselara la Terasete






VANDERBIJLPARK  -  Porofesa Linda Theron o ne a abelwa mmentlele wa kakgolo go tswa kwa Sekolong sa Disaense Tsa Thuto tsa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU Vaal) o o ntshitsweng ke Education Association of South Africa (EASA).

Awate eno e ne e wela mo setlhopheng se se latelang: Babatlisisi ba ba Botlana ba 2009 Porofesa Theron o e abetswe ka ntlha ya go thusa mo go tsa boemo jwa thuto ya saense le go e rotloetsa. Dilo tsa ntlha-ntlha tse di batlegang mo setlhopheng seno di akaretsa: motho yo o tlhophetsweng go ka newa awate e tshwanetse go bo e le moithuti kgotsa mmatlisisi, o tshwanetse a bo a gatisitse ditlhogo tse di amogetsweng semmuso (mo nageng ya rona/kgotsa kwa dinageng di sele) e bile o tshwanetse a bo a nnile le seabe le seabe mo porojekeng e e tshegediwang ka madi kgotsa a e weditse e e ileng ya thusa ka tlhabololo ya thuto mo Aforika Borwa.

Porofesa Theron o ne a newa awate eno ka ntlha ya rekoto e a itiretseng yone e e nang le bosupi jwa diphelelo tse di molemo tsa patlisiso e a e dirileng le go oketsega ga mafelo a go dira patlisiso mo dingwageng di le tlhano tsa fa e sa le a nna le seabe mo patlisisong. Jaaka mmatlisisi yo o kgotlhelelang, gone jaanong jaana o tshwaregile k diporojeke di le nne tse dikgolo  mme o okametse di le pedi tsa tsone. Ya ntlha ya tseno ke National Research Foundation (NRF) porojeke e e etleediwang ka madi ya Thutuka e e bidiwang Resilient Educators kgotsa Reds, e boikaelelo jwa yone e leng go rotloetsa batlhatlheledi ba ba gwetlhiwang key kgogodi ya HIV go kgotlhelela. Reds e ne ya simolwa ka 2005 mme e gaufi le go tla mo bokhutlong jwa yone.

Porojeke ya bobedi e e bidiwang Read-me-to-Resilience e ne ya simolola ka Ferikgong 2009 mme Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa (Pan-South African Language Board SANPAD) e e tshegetsa ka madi. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go bona gore a gongwe go balela masiela a batsadi ba bone ba bolailweng ke Aids dikgutshwe tse di buang ka dilo tse gantsi go sa buiweng ka tsone ka ntlha ya setso go ka dira gore ba kgotlhelele. Babatlisisi mmogo go tswa kwa Nelson Mandela Metropolitan University (NMMU), University of Witwatersrand (Wits) le the University of Pretoria (UP), mmogo le baithuti ba le mmalwa mo diporojekeng tseno.

Mo godimo ga moo, Porofesa Theron o tshwaregile jaaka mmatlisisi wa Aforika Borwa mo diporojekeng di le pedi tsa bodithabathaba tsa go kgotlhelela, tse di eteletsweng pele ke Porofesa Michael Ungar go tswa kwa Dalhousie University kwa Canada a na le babatlisiso mmogo go tswa kwa China, United States, India, Thailand, Canada le Columbia.

Go ya ka EASA, patlisiso ya ga Porofesa Therona dirile gore serutwa se kgone go tlhaloganngwa, e nonotshitse batlhatlheledi le go rotloetsa gore go nne le mafelo a patlisiso a bosethaba le a bodithabathaba. Mo godimo ga moo, patlisiso ya gagwe e dirile gore baithuti ba gagwe ba bulegelwe ke dithono di le mmalwa. Tshegetso e a e amogetseng ya madi go tla go fitlha gompieno jaana le go tsenngwa ga gagwe mo diporojekeng tse di boitshegang tsa bosethaba le tsa bodithabathaba di dira gore a akgolelwe tiro ya gagwe ya patlisiso e e sa ntseng e solofetsa go le gontsi.

* Awate e ne ya abiwa ka di 14 Tsa Ferikgong kwa nakong ya dijo tsa maitseboa ka nako ya khonferense ya ngwaga le ngwaga ya EASA e e neng e tshwaretswe kwa KwaZulu-Natal. Ka 2010 khonferense ya EASA e tla bo e tshwaretswe kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.



Porofesa Linda Theron le monna wa gagwe, e leng Porofesa Tinie Theron.

