Mookamedi wa Puk modulasetulo yo moa wa Aardklop






Potchefstroom  Porofesa Annette Combrink, Mookamedi wa Khamphase ya Potchefstroom wa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU), o tlhomilwe go nna modulasetulo yo moa wa Aardklop National Art Festival. Combrink e mosadi wa ntlha go nna mookamedi, mme o tlhatlhama Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mothanselara, yo tiro ya gagwe ya bodulasetulo e feletsweng ke nako.

Combrink o rata thata dilo tsa botsweretshi mme mo go direleng ga gagwe yunibesiti ka lobaka lo lo leele, jaaka Mokaedi wa Sekolo sa Dipuo le Mookamedi wa Lefapha la Botsweretshi, o dirile go le gontsi tota go rotloesta botsweretshi mo khamphaseng.

Combrink ke modulasetulo wa Komiti ya Botsweretshi mo Khamphaseng ya NWU-Puk e a e tlhamileng. O ne a tlhoma le go atolosa lefelo la dipontsho tsa botsweretshi le go tshwarwang dipontsho tsa maemo a a kwa godimo ka metlha mo go lone. Bobogelo jwa mo khamphaseng le jone bo ne jwa fetolwa gore e nne lefelo la konokono le mo go lone batho ba le 3000 ba ka kgonang go bogela go tswa mo go jone.

Le fa go ntse jalo, selo se Combrink a se ratang go di feta tsotlhe ke diterama. O na le di dikirii tsa Masetase le tsa Bongaka tsa Terama ya Seesemane, mme gape o dirile patlisiso e e seng kana ka sepe ka diterama tsa Aforika Borwa.

Go botlhokwa mo go nna gore batho ba tlhame tikologo ya dilo tsa botsweretshi. Ga re ise re atlege go dira jalo mo Khamphaseng ya Puk.

Jaaka modulasetulo, ke leba kabelo e ke e neilweng e le e e gwetlhang e le tota. Ka ntlha ya mathata a ikonomi a lefatshe lotlhe, dilo ga di tle go tsamaela botsweretshi sentle, mme ke tla leka ka natla go godisa palo ya ditlamo tse di ka tshegetsang moletlo ka madi,

Eloff e ne e le modulasetulo wa Aardklop dingwaga di le tharo tse di fetileng. Ke nako ya go rola tiro jaanong. Aardklop National Arts Festival ke moletlo o o atlegileng mme motho mongwe yo mmotlana yo o nang le temogo a ka kgona go dira gore moletlo e nne o o kgatlhang fela thata.

Eloff a re go tlhophelwa ga gagwe tiro eno lekgetlho la bobedi e e tsayang dingwaga di le tlhano gore a nne Motlatsa-Mothanselara wa NWU go tla mmatla maikatlapelo a gagwe a tlhaloganya go feta pele. Le fa go ntse jalo, o tla bo gape a dira mo setlhopheng sa botsamaisi sa Mokgatlho wa Aardklop mo isagweng.

Boto ya bakaedi ya dipontsho tsa Aardklop e na le baithaopi ba ditiro dingwe tse di kgethegileng ba ba tswang mo baaging ba ba buang Aforikanse ba ba batlang go rotloetsa ditiro tsa botsweretshi kwantle ga go duelwa. Boikaelelo jwa bone ke go dira gore dipontsho tsa Aardklop e nne tse di di gogang kwa pele tsa ditiro tsa botsweretshi mo nageng le go dira gore di tswelele pele go gola.

Monongwaga, dipontsho tsa Aardklop di tla tshwarwa go simolola ka 29 Lwetse 2009 go ya go 3 Diphalane 2009.



 Prof Annette Combrink.

