Letsatsi le go tshameka kolofo le tsenya lotseno lwa madi mo Letloleng la Mothanselara la Terasete






Ofisi ya Setheo  Letsatsi la Boeng jaana la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Mothanselara le porosediente wa nako e e fetileng wa puso e leng, Rre FW de Klerk, a neng a nna le seabe mo go lone le tsentse R50 000 mo letloleng leno.

Ka nako ya fa go ne go abiwa mepuso Rre De Klerk o ne a tlhalosa gore ka nako ya fa a ne a amogela Sejana sa Nobel, o ne a swetsa ka gore a beeletse bontsi jwa moputso wa madi a a neng a a amogetse mo Khamphaseng ya gone jaanong ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU). O ne a tlhoma letlole leno ka September 1994 go tshegetsa le go rotloetsa go dirisiwa ga puo ya Se-Aforikanse.

Ke motlotlo ka tsela e e molemo e madi a dirisiwang ka yone. Aforikanse, e leng puo e bangwe ba e buang kwa gae e bile e le e bangwe bone ba e ithutang mo nageng ya rona, e na le tlhotlheletso e kgolo mme e sa ntse e tshwanelwa ke go fenya dikgoreletsi di le mmalwa. Re tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go thusa baa ka go simolola diporojeke tsa go dira dilo ka mekgwa e mea gore ba tle ga ngomaele Aforikanse.

Motlatsa-Mothanselara wa NWU, e leng Dr Theuns Eloff, o ne a tlhalosa gore mo dingwageng di le sometharo tse di fetileng, terasete e ile ya dirisa madi a a fetang R1 milione mo diporojekeng tsa mo baaging tsa Aforikanse ka kwantle ga ditheo tsa thuto.

Bafenyi ba letsatsi la kolofo e ne e le baeng ba babedi go tswa kwa Khutlongtharo ya Lekwa, Mohumagadi Camm Dickson le Bronkie Bronkhorst.



Setlhopha sa ga Rre FW de Klerk se se neng sa tshameka mo Letsatsing la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Mothanselara e ne e le Rre Danie Cronj, Mothanselara wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya NWU, Rre De Klerk, Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mothanselara wa NWU, le Dr Leon Wessels wa Khomiini ya Ditshwanelo Tsa Batho.



Bafenya ba Letsatsi la go Tshameka Kolofo la Terasete ya Mothanselara ba Puk e ne e le Camm Dickson (kafa molemeng) le Bronkie Bronkhorst (kafa mojeng), ba na le Mohumagadi FW de Klerk le Danie Cronje le Dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mothanselara wa NWU.

