New University Anthem






[ Reetsa Pina ya Yunibesiti, bala mafoko, (Link: /opencms/export/) A o na le ditemoso? (Link: /opencms/export/) ]

E tlhamilwe, ya kwalwa ya bo ya reetswa. Go ne ga neelwa ditshwaelo mme badiri le baithuti ba e tlhophile. Go feditswe jaanong. Pina e nthwa (ya ntlha) ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tlhophilwe mme e tla opelwa mo dikhampaseng tsotlhe.

Bontsi bo supile fa bo ratile mofuta wa bobedi wa pina e e neng e tshintsintswe ka gonne e ne ya tlhagisetswa ditshwaelo mo kgweding di se kae tse di sa tswang go feta.

Botsamaisi jwa Setheo bo dumalane ka go amogela mofuta wa bobedi ka bongwe ba pelo mo kgweding ya Moranang. Tshwetso e, e ne ya tsewa morago ga go tsaya tsia thulaganyo ya ditherisano go ralala dikhampase tsotlhe.

Tlhamo ya ga Awie van Wyk e ne ya diragatswa ke khwaere e e kopaneng ya dikhampase tsotlhe kwa moletlong wa tlhomo ya Mokanseleri le Motlatsa-Mokanseleri o o neng o patagantswe le kgakolo-semmuso ya Yunibesithi (e nthwa).

Pina e nthwa e e amogetsweng e tla tlhagisiwa le go tsweletswa mo go botlhe ba ba nang le seabe.

Ke motlotlo ka gore pina e ke boitlhamedi jwa rona jwa mo gae, go bua jalo Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri.

O akgotse Hein Viljoen ka dilleriki tse a di kwadileng ka tshwaragano le  Tshwaro Abram Pule, Vera Motsilanyane le Thersio Tsambo, gammogo le Komiti ya kwa Mafikeng ya Setswana, Rigardt Pretorius, Johan Zerwick, Maria Letsie le Karien Brits.

Van Wyk le Martin Watt ba ne ba tlotlomaletswa tlhamo ya bona. Horts Btow ke ene yo e neng e le mogokaganyi.

Ga go ise go tsewe tshwetso ka ga dipina tsa dikhampase ka go farologana ga tsona. Ntlha e, go bonala e tla swetswa morago ga gore go wetswe Thulaganyo ya Ponelopele le Maikaelelo.


The NWU choir sings the new university anthem at the inauguration of the Chancellor and Vice-Chancellor on 14 April 2004

