Baithuti ba nako e e fetileng  Palo e e seng kana ka sepe ya bone kwa Botswana






Mafikeng  Palo e kgolo ya baithuti ba nako e e fetileng ba le 300 go tswa kwa Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) ba ne ba nna teng boeng jaana kwa dijong tsa maitseboa kwa Gaborone Sun Conference Centre in Gabarone, kwa Botswana.

Mohumagatsana Susan van Rooyen, Motsamaisi wa Nama o sa Tshwere: wa Dipapatso le Ditlhaeletsano, o ne a amogela baithuti bano ba nako e e fetileng le go ba tlhomamisetsa gore Yunibesiti e motlotlo ka diphitlhelelo tsa bone tse di gakgamatsang le go nna le seabe sa go etelela pele mo dilong dingwe mo Botswana.

Mohumagatsana van Rooyen o ne a re: Baithuti ba nako e e fetileng ke baemedi le badiri-mmogo le yunibesiti eno e bile re batla gore lo direle sekolo seno sa lona ditiro dingwe.

Porofesa Dan Kgwadi, Mookamedi wa Khamphase, o ne a kopa baithuti bano ba nako e e fetileng gore ba etele Khamphase mme ba fitlhe ba fetisetse bokgoni jwa bone mo baithuting ba bangwe ka go ba kaela ba ba beile leitlho.

Rre Louis Jacobs, Mokaedi: wa Ditlhaeletsano tsa Kgwebo o nea emela Motlatsa-Mothanselara. Dintlhakgolo tse di neng tsa umakiwa ke Rre Jacobs di ne di akaretsa go ikgapela ga Yunibesiti maemo a ntlha a Diawate tsa 2008 tsa PricewaterhouseCoopers Higher Education Excellence tsa go Laola Kgwebo, awate e e neng ya ntshiwa ke Pan-South African Language Board (Boto ya Dipuo Tsotlhe Tsa mo Aforika Borwa) ya go tsenya letsogo mo go rotloetseng tiriso ya dipu tse di farologaneng le go aga sethaba mo dingwageng di le lesome tse di fetileng mo setlamong sa Aforika Borwa sa thuto e e kwa godimo, mmogo le go tlhophelwa ga NWU Lefapha la Saense le Thekenoloji jaaka yunibesiti e e gatetseng pele go di feta tsotlhe ya thekenoloj mo Aforika Borwa.    
                                
Gareng ga baithuti ba nako e e  fetileng ba ba neng ba le teng mo tiragalong  eno go ne go na le: Baporesidente ba maloba ba SRC le maloko, Bahumagadi Friday Leburu,  Mmpho Mfoloe le Treasure Motlobi.

Ditiro di ne di tla di patiwa ke Mmino wa batantshi ba setso ba Botswana le setlhopha sa mmino.  Matsosangwao. Rree Chillie Samtisi, Motsamaisi le motlhami wa setlhopha seno  mmogo le moithuti wa nako e e fetileng wa Yunibesiti eno  ba ne ba etleetsa ditiro tsa go natetsha tiragalo eno ka madi mo dijong tseno tsa maitseboa.



