Moithuti wa nako e e fetileng ke ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba Brumbies






Potchefstroom  Moithuti wa nako e e fetileng wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima (NWU) o ne boeng jaana a tlhomiwa go nna ngaka ya ditlhaloganyo tsa setlhopha sa batshameki sa Super 14 kwa Australia Brumbies e ne ya saenisa Dr Pieter Kruger konteraka ya go tlhokomela setlhopha le go dira ditshekatsheko ka tlhaloganyo ya bone le go rarabolola mathata ape a a a bonang.

Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng Kruger o ntse a tshwaregile mo setlhopheng se se itsegeng thata sa kwa London sa Harlequins. Mokatisi wa maloba wa Harlequins, e leng Andy Friend, o ne a newa tiro key setlhopha sa nagagae ya gagwe gore a ye go katisa Brumbies. O ne a itlhophela setlhopha sa gagwe sa botsamaisi mme a kopa Kruger gore  mo setlheng se se latelang, a nne ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba setlhopha sa gagwe.

Ka ntlha ya go tshwarega ga ga Kruger mo setlhopheng sa Harlequins le gore ke mongwe wa dingaka tsa poraefete kwa London, o ne a se ka a kgona go fuduga go ya go nnela ruri kwa Australia.

Kruger o feditse dingwaga tse di fetang lesome a na le tiro e e itumedisang mo ditlhopheng tsa rugby mo Aforika Borwa le kwa Engelane. Jaaka moithuti, o ne a a tshamekela ditlhopha tsa u.14 le u 15 tsa Potchefstroom Gymnasium High School, tse ka bobedi jwa tsone di neng tsa fitlha kwa sekamakgaolakgannyeng a sejana sa sekolo sa bosethaba. O ne a fitlhelela dikirii ya gagwe ya BA le dikirii tse pedi tsa onase mo thutong ya go ithuta tlhaloganyo le disaense tsa metshameko cum laude kwa Yunibesiting ya Maloba ya Christen Higher Education (PU ya CHO).

Fa a sena go nna le dikirii ya gagwe ya Masetase mo thutong ya boithuta-tlhaloganyo, e gape e leng cum laude, kwa University of the Free State le fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe tsa go ithuta tiro a ntse a le mo tirong le dingwaga tsa tirelosethaba, o ne a boela kwa Puk go ya go ithutela lekwalo la bongaka la go ithuta ditlhaloganyo tsa batshameki. O ne a dira patlisiso ya gagwe mo ditlhopheng tsa Super 12, mme ka 2003/4 a nna mogakolodi wa Ngaka ya ditlhaloganyo tsa baithuti ba setlhopha sa Super 12 Bulls sa ga Rudy Joubert.

Ka 2004 Kruger e ne e le ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba setheo sa rugby sa NWU Puk mme a thusa setlhopha sa ntlha go fenya bomampodi jwa South African Student Sport Union (SASSU) le bomampodi jwa tlelapa ya bosethaba ya Super Sport lekgetlo la ntlha fa e sa le NWU Puk e nna gone. Gape o ne a le ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki ba s+etlhopha sa u.21 sa ga Peter de Villiers se se tshamekileng mo Sejaneng sa Lefatshe sa ditlhopha tsa u.21.

Ka 2005 o ne a ya go dira kwa setlhopheng sa Leopards rugby, se se neng sa fitlha kwa makgaolakgannyeng wa Vodacom Cup mo ngwageng oo mme gape sa tsenela kgaisano ya Currie Cup ya top eight. Kwantle ga ditiro tse a di dirileng mo setlhopheng sa Leopards, gape o ile a nna motlhatlheledi wa go ithuta ditlhaloganyo tsa batshameki kwa NWU Puk mme a bula ofisi ya boithutatlhaloganyo.

Ka 2006 Dr Kruger o ne a ya United Kingdom mme ka bonako morago ga moo a nna leloko la Harlequins jaaka ngaka ya setlhopha seo ya ditlhaloganyo tsa batshameki. Kwa London, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go nna ngaka ya intaseteri le ya ditlhaloganyo tsa batshameki a bo a tsweletsa dithuto tsa gagwe pele kwa Setheong sa Albert Ellis kwa New York le kwa Setheong sa Beck kwa Philadelphia kwa USA. Gone jaanong jaana ke motlhatlheledi0mogolo mo Lefapheng Boithuta-Tlhaloganyo kwa London Metropolitan University.

Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng Kruger o thusitse Harlequins fa ba ne ba tshamekela Guinness Premiership mme a nna le tlhotlheletso e kgolo mo kgaisanong ya European Heineken Cup.

Go ya ka Dr Kruger, go botlhokwa gore ngaka ya ditlhaloganyo tsa batshameki mo setlhopheng sa metshameko e kgone go dira gore mongwe le mongwe a kgone go dirisana sentle le setlhopha. Go ya ka setlhopha, batshameki ba tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanang fa ba le mo lebaleng le go kgona go buisana ka tsela e e utlwalang sentle fa ba le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo.

Dr Kruger o nyalane le moithuti wa nako e e fetileng wa Potchefstroom, e leng Suzanne Mulder, yo gone jaanon jaana e leng ngaka ya poraefete kwa London.




Dr Pieter Kruger le mokapotene yo o itsegeng thata wa setlhopha sa Wallaby, Rre Stirling Mortlock, ka nako ya go ikatisa ga setlhopha sa Brumbies. Gape, Mortlock ke mokapotene wa Brumbies.



Dr Pieter Kruger le Andrew Mehrtens, moragi yo o itsegeng thata wa New Zealand, kwa moletlong wa bokhutlo jwa ngwaga wa Harlequins.

:



Dr Pieter Kruger kwa Twickenham Stoop, lebala la kwa legaeng la setlhopha sa Harlequins, pelenyana fela ga motshameko.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng
Dr Pieter ke mme aterese ya gagwe ya imeili ke P.Kruger@sky.com (Link: mailto:P.Kruger@sky.com)

