Setlhopha sa Boulevard Harmonists ba fenya sekgele kwa Yuropa






Potchefstroom  Ka boikhutso jo bo fetileng khwaere ya Boulevard Harmonists ya mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e fentse sekgele se sentle tota ka kgaisano ya bodithabathaba  ya dikhwaere tsa Christmas kwa Czech Republic.

Ba-Harmonists, ba ba leng baopedi ba tlotlo ba ensemele ba Kapetla ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, ba fentse kgaisano e e biditsweng Prague Christmas International Competition ya dikhwaere tse dinnye. Palogare ya dikhwaere di le 25, bontsi ba kwa Yuropa le kwa Asia, ba ne ba gaisana ka mo dikarolong tse pedi. Khwaere ya kwa Russia e fentse kgaolo ya dikhwaere tse di kgolo.

Go ya ka Mor Mor Peet Ryke o wa Lefapha la Setso, yo a neng a le moeteledipele wa loeto, setlhopha sa batho ba ba thataro ba ne ba tshwara dikhonsarata di le 11 kwa Serbia, Hungary, Poland, Czech Republic le kwa Austria.

Mor Ryke a re loeto lo tsamailwe go ruta baithuti ba ba nang le neo e kgolo gore ba tle ba itse setso sa Yuropa sa mmino le go dira bophara maitemogelo a bone. Gape re ile ra itsisa batho le bareetsi ba kwa moseja mmino wa mo Aforika Borwa, ga tlhalosa Mor Ryke.

A re maeto a a dikhonsarata jaaka e di na le mosola o mogolo mo baithuting ba ba nang le neo go dira bophara maphelo a bone a setso. Se ke mo ba kgonang go dira bophara atshe ya bone mme ba katisiwe mme ba oketse kitso ya bone ya diatshe le ponelopele le kakanyo ya bone ya lefatshe.

Khwaere ya Boulevard Harmonists ba na le ditokololo di le 6 mme ba ba 5 jaanong jaana ke baithuti ba kgale ba sekolo sa mmino. Go ba baakanyetsa kgaisano sentle moeteledipele wa bone, Moh Mandie de Villiers-Schutte wa Sekolo sa Mmino o ne a ba ruta sentle mme a oketsa katlego ya setlhopha.

Mor Ryke a re khwaere e itlotla thata ka sekgele se ba se fentseng se se dirilweng ka galase ya flint.



Khwaere ya Boulevard Harmonists ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke ba ba latelang: (kwa morago) Annari van Jaarsveld le Marnus Nothnagel. Ka mo pele: Marshell Lombard, Grethe Uren, Pierre-Louis le Grange le Jana du Plooy.

