YBB e itlotla ka go na le palo e e fetang 6000 ya baithuti ba ngwaga ya ntlha






Ofisi ya setheo - Motlatsa-Mokhanseliri le bareketoro ba bararo ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba ne ba sa itse gore ba tshwara mme ba tlogela kae ka kamogelo ya baithuti ba ba gaufi le 6200 ka mo dikhamphaseng tse di farologaneng.

Ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom go amogetswe dikopo di ka nna 4800 mme go dumetswe ba ba 4200 go tswa mo go bone mme kwa Khamphaseng ya Mafikeng go itlotliwa ka palo ya dikopo di le 1200.  Baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba 800 ba kwadisitswe le kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa  - se le sone ke palo ya rekoto ya kwadiso.

Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom o amogetse baithuti ba ngwaga ya ntlha ka letsatsi la 17 Ferikgong mme go ne go na le batho ba ba fetang palo ya 12000 ka mo Khamphaseng. Moporof Piet Prinsloo, Moreketoro  wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa  o amogetse baithuti ba ngwaga ya ntlha ba gagwe ka letsatsi la 23 Ferikgong mme Moporof Dan Kgwadi, Moreketoro  wa Khamphase ya Mafikeng o amogetswe ba bawa ba gagwe ka letsatsi la 26 Ferikgong.

Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff ka mo puong ya gagwe le baithuti le batsadi ba bone, o ne a lebeletse thata tlhogo ya go ba tlhalosetsa botlhokwa le kemo ya YBB mo gare ga ditheo tse dingwe tsa thutogodimo mo Aforika Borwa. O buile gape ka go re Yunibesiti e ka tswalela kgaolo ya hisetori ya kopano ya dikhamphase jaanong le gore jaanong go ka lebelelwa bokamoso ka boikanyo.

Dikatlego tse di tlhaloseditsweng ke Ngk Eloff ke kemo ya ntlha e e amogetsweng mmogo le setheo se sengwe mo kgaisanong le mo kabelong ya 2007 PricewaterhouseCoopers ya Taolo ya Korporatifi ya Boitlhaodi ka mo Thutogodimong, le kabelo e e amogetsweng ka re bonwe re le setheo se se abetseng go feta ditheo tsotlhe tsa thutogodimo go godisa tiriso ya dipuodintsi le go aga sethaba mo dingwageng tse di 10 tse di fetileng mo Karolong ya Thutogodimo ya mo Aforika Borwa go tswa go Pansalb ka 2008. Gape YBB e biditswe leina ke Lefapha la Saense le Thekenoloji go nna Yunibesiti e e gaisang tsotlhe ka go nna yunibesiti ya tswelelopele ya thekenoloji le poposewa mo Aforika Borwa ya maemo a ntlha.



Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff o ne a tshwere dithapo ka nako ya pulo le kamogelo ka mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa.  O dikolotswe ke baithuti ba ngwaga ya ntlha gammogo le moreketoro wa khamphase, moporof Piet Prinsloo le Modulasetulo wa SRC, Siphiwe Mbata.



Mogasi mongwe wa RSG(Radio Sonder Grense) mor Niekie van den Berg, o kwadisitse le ene morwadi yo monnye wa gagwe yo e leng Carla, ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Carla o ne a tsena sekolo sa Horskool Florida mme o tlile go ithuta BA Tlhaeletsano



Bangwe ba baithuti ba ngwaga ya ntlha ba ba ikwadisitseng ngwaga e ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB). Go tswa mo molemeng go na le Edward Dipheko wa kwa Ga-Khunwama ka mo Bokone-Bophirima yo o tlileng go ithutela borutabana, Corn Zandberg wa kwa Reitz yo o tla ithutang BCom Molao, ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase le Dale Abercrombie wa kwa Mafikeng yo o tla ithutang LLB. Fa pele go na le ditsala tsa sekolo go tswa kwa Alberton, Inge Venter yo o tla ithutang BA Thuto ya Tshikinyo ya Batho le Mandy Ryan yo o tla ithutang BSc Maekerobioloji.



Moithuti wa ngwaga ya ntlha ka nako ya go goroga ka mo Khamphaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).

