Sekolo sa Boenjeniri jwa Motlakase le Khomphutara se tlisitse mofenyi gape







Potchefstroom - Sekolo sa Boenjeniri jwa Motlakase le Khomphutara ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e santse e le mo tseleng ya go fenya.

Tiro e e fentseng gape mo lenaaneng la dikatlego tse di kgatlhisang tsa Sekolo se ke maemo a ntlha a a bonweng mo kgaisanong ya sethaba sa SAIEE(South African Institute for Electric Engineering). Ngwaga e e fetileng Jacques Germishuys o ne a biditswe leina go nna moithuti wa ngwaga ya bofelo wa mampodi ka mo Aforika Borwa ka porojeke ya gagwe. Jacques o tlhomamisitse gore o fenya kgaisano ka go ikwadisa ka osilisekopo (oscilloscope ka Seesimane) e e kgatlhisang e a e betlileng.

Go ya ka Mor Christo van der Merwe, Moeteledipele wa dithuto le motlhatlheledi wa gagwe ka mo Sekolong sa Boenjeniri jwa Motlakase le Khomphutara, didiriso tse di dirisiwang ke baenjeniri ba motlakase go lekantsha ka gale di tura thata, thata mo baithuting. Jacques o tlhabolotse osilisekopo se se sa tureng se se ka kgonwang go rekiwa ka palo yotlhe e e leng palogare ya R3 000 e e ka dirisiwang ke baithuti go ka bona tse ba di lekantshang ka mo dikhomphutheng tsa bone.  Sediriso se tsengwa fela ka mo phatlheng ya USB mme go ka lekantshiwa mme go ka atlholwa mme go ka bolokwa ditsiboso tse di bonweng.

Se se dirang gore sediriso se se kgatlhise jalo ke ka ntlha ya gore e dira sentle gotlhegotlhe mme e ka tloga e diriwa fela kwa difemeng mme e rekisiwe ka mo mebarakeng. Jacques o amogetse ditlhaloso le dikatlholo tse di kgatlhisang tota go tswa kwa baatlhoding, ga tlhalosa Mor Van der Merwe.
Moithuti yo o botlhale yo wa YBB Puk e gaisitse baithuti ba le 7 ba kwa diyunibesiting tsa mo Aforika Borwa go ka amogela kabelo ya madi a kana ka R3 000.
Moporof Jan de Kock, Mokaedi wa Sekolo, o rile gore ruri ba ka ntsha sehuba ka ditiro tsa ngwaga e e fetileng. Baithuti ba Sekolo ba ngwaga ya boraro ba fentse Kgaisano ya Siemens Cyber Junkyard ya go dirisa methini ka mo intasetering. Se se raya gore ngwaga e sekolo se ntsha sehuba ka dimmampodi tsa baithuti ba ngwaga ya boraro le ba porojeke ya moithuti wa ngwaga ya bofelo.



Jacques Germishuys, moithuti wa YBB Puk yo o biditsweng leina go nna mofenyi wa sethaba wa kgaisano ya SAIEE(South African Institute for Electric Engineers), gammogo le moeteledipele wa dithuto wa gagwe, Mor Christo van der Merwe (mo molemeng) le Mor Victor Wilson, Moporesitente wa SAIEE.



Osilisikopo e e kgatlhisang ya USB ya ga Jacques Germishuys.

