Thingwana ya Botaniki e itumelela ditlhare tse dinthwa






Potchefstroom  Thingwana e e golang ya Botaniki ya mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e goletse pele ka go amogela palo ya ditlhare tse dinthwa beke e.

Tlhogo ya komiti ya bagakolodi ba botaniki ya thingwana ya botaniki le motlhatlheledi wa botaniki, Moporof Sarel Cilliers, o rile gore le fa letsatsi la go jwala ditlhare e fetile, nako e santse e siame go jwala ditlhare ka mo tikologong ya Potchefstroom. Palo ya baakatemi ba thusitse go jwala ditlhare tsa Motlhware, Modutu le tsa dikgong tsa kgale(old wood).

Thingwana ya Botaniki e kwadisitswe fela maloba kwa thulaganyong ya BGCI(Botanic Garden Conservation International) mme ke e nngwe ya dithingwana tsa botaniki di le pedi tse di leng mo diyunibesiting mo sethabeng, e e kwadisitsweng kwa BGCI. Gape ke yone fela e e kwadisitsweng ka mo porofenseng ya Bokone-Bophirima.
  Moporof Cilliers a re thingwana e simolotswe ka 1962 mme go fitlhela ka 2003 e ne ya baakangwa go tshwana le pele ka thuso ya motlhomamisi Mor Peter Mortimer, le yo a tlileng morago ga gagwe, Mor Martin Smit. Jaanong jaana Mor Smit o tshwaragane le tiro ya go baya diboroto tsa maina a dijalwa di ka nna 1500 ka mo thingwaneng.

Thingwana ya botaniki e dirisiwa bogolo go fana ka materiale ya dijalwa tsa go ruta le go dira patlisiso mo Yunibesiting. Go ya ka Moporof Cilliers palogare ya baithuti ba ba 700 ba dirisa dijalwa tse ka ngwaga ya dithuto tsa bone.  Gape a re dijalwa tse di seng dintsi le tse di batlang go timela mo sethabeng di tshwariwa mme di sireletswa ka mo thingwaneng go fa batho kitso e e botlhokwa gore ba bone gore ke dijalwa dife tse di siametseng tikologo e mme ke dife tse di tshwanetseng go sireletswa.

Barutwana ba Sekolo se se kwa Godimo sa Seiphemelo ba ba katisiwang gore ba nne batlhokomedi ba naga ba bannye ba ne ba le teng ka nako ya go jwala ditlhare mme ba na le morutabana wa bone, Mor John Tlale. Tlale le ene ke motlhokomedi wa tlotlo wa naga.

  Gone maloba go ne ga bulwa le lefelo la dipontsho tsa diatshe ka mo thingwaneng mme dipontsho di tloga di tshwarelwa teng.

Mongwe le mongwe yo a batlang go etela thingwana a ka dira jalo ka malatsi a beke ka dinako tsa 08:00 go 16:30 ka selemo mme go fitlhela ka 16:00 ka mariga.   Ba ba nang le kgatlhego ba ka ikopantsha le Mor Smit kwa 018 299 2753.




Moporof Daan van Wyk, Motlatsa-Moreketoro: Boleng le Maano, o jwala setlhare sa motlhware, mme o lebeletswe ke badirimmogo ba gagwe. Go tswa mo molemeng go na le: Baporof Kobus Pienaar, Diini: Bosaense jwa Tlholego, Huib van Hamburg, Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Tikologo le Tlhabololo, Sarel Cilliers, Motlhatlheledi wa Botaniki le Tlhogo ya Komiti ya Bagakolodi ba Botaniki ya Thingwana ya Botaniki, le Mor Martin Smit, Motlhomamisi wa Thingwana ya Botaniki.




Barutwana ba kwa Sekolong se se kwa Godimo sa Seiphemelo, ba ba katisiwang go nna batlhokomedi ba bannye ba naga, ba eme mme ba lebeletse Diini ya Bosaense jwa Tlholego, Moporof Kobus Pienaar, fa a santse a jwala setlhare sa modutu. Kwa morago go na le: Moporof Huib van Hamburg, Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Tikologo le Tlhabololo, Tsholofelo Kolise, Ntshepe Ramosena, Moporof Daan van Wyk, Motlatsa-Moreketoro: Boleng le Maano, Shadrak Tshabalala, Mor John Tlale, motlhokomedi wa naga wa tlotlo mme morutabana kwa Seiphemelo, le Mor Kelvin Khumisi.

