Moporesitente wa Lekgotlha-Patlisiso la Kalafo o etetse YBB






POTCHEFSTROOM - Moporesitente wa Lekgotlha-Patlisiso la Kalafo(LPK) wa Aforika Borwa fela maloba a ne a tlile mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) go tla go ruta thuto ya tlotlo.

Moporofesa Anthony Mbewu o ne a ruta thuto ya gagwe ka tlhogo ya Boitekanelo ga se tshenyegelo mme ke tsadiso. O ne a tlhalosa botlhokwa jwa patlisiso e e diriwang ke bosaense jwa boitekanelo mo bathong ba mo Aforika Borwa. O rile gore patlisiso ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo le ditheo tse dingwe tsa mo sethabeng e bonwa botlhokwa thata ke LPK ka gore e tlisa diphetogo tse di botlhokwa ka mo tswelelopeleng ya boitekanelo jwa botlhe.

Batlotlegi ba babedi ba kwa LPK, ba e leng Moporofesa Pieter Jooste, moporofesa yo e seng wa tlwaelo kwa Kotlong le Moporofesa Andr Oelofse wa Yunibesiti ya Tshwane ba ne ba tsene kopano le bone.

Diporokerama tsa Mafelo a patlisiso a Fakalthi a ne a bontshiwa baeng. Mafelo a a ke Senteramo ya Boitseanape jwa Kotlo le Yuniti ya Aforika ya Patlisiso ya Boitekanelo jwa Dirutwa tse di Farologaneng le kgaolo ya go itlhaola ya Madi a a kwa godimo mo Aforika le Yuniti ya Patlisiso ya Melemo le Tlhabololo ya Melemo le kgaolo ya go itlhaola ya Tiriso ya melemo mo Aforika Borwa le Ditiro tsa Matlhagatlhaga, Metshameko le Boitiso.

Ke sa ntlha mo hisitoring ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo gore moporesitente wa LPK a jele nala ka mo Khamphaseng.



Baporofesa Maritte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase, Andr Oelofse wa Yunibesiti ya Tshwane, Anthony Mbewu, moporesitente wa LPK, Pieter Jooste wa LPK, le Marlene Viljoen, Diini ya Fakalthi ya Bosaense jwa Boitekanelo.

