Dipuodintsi mo YBB di buletse tsela gape






Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e maatlafaditsi kemo ya yone ya ditiro tsa yone tsa tiriso ya dipuodintsi maloba gape mo godimo ga go toloka ka nako e le nngwe ka mo diphaposing tsa borutelo. Ba dirile se ka go gatisa buka e e bidiwang - Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery  - e e tlogang e bonwa ka mo mabenkeleng a dibuka.

Moporof Marlene Verhoef, yo a kgweetsang porojeke e ya go toloka ka nako e le nngwe ka mo diholong tsa marutelo, ke ene motseleganyi-mmogo wa buka e, e e leng ya bosupa ka mo go tse di latelanang ka setlhogo sa Studies in Language Policy in South Africa.

Ka nako ya go golola kgatiso e ka mo Potchefstroom kgatiso e e tlotlilwe ke Moporof Theodorus du Plessis, motseleganyi-mmogo le moitsedipuo wa kwa Yunibesiting ya Foreisitata mme a re gape gore se ruri ke go bula ditsela.
Se lo se dirileng fa se diragetse ka mo maemong a a sa lekanweng ke sepe mo Aforika Borwa mme le mo mafelong a mangwe a lefatshe. Mokgwa o YBB e tsamaisitseng mofuta o wa porojeke ruri ke wa ntlha ka mo borweng jwa lefatshe, ga re Moporof Du Plessis.

Mo go tse dingwe, o ne a bolelela gape ka ga dikakanyo tsa balekane ka mo dithutong tse tse di kgatlhisitseng e rile buka e romelwa balekane gore ba e atlhole. Molekanyetsi mongwe wa kwa moseja o rile gore ga go ka ke gwa makatsa fa buka e e sa ye go badiwa le kwa ntle ga melelwane ya mo Aforika Borwa. Ba bangwe gape ba re diteng tsa buka e di tlisa kumo e kgolo ka mo dikgatisong tsa go toloka.

Moporof Du Plessis o dumela gotlhe, kwa ntle ga pelaelo gore YBB ke moeteledipele ka mo tikologong ya go toloka ka mo dithutong mme o boleletse tsholofelo gore go santse go ka tswa dikgatsiso tse dintsi ka mo maitemogelong a a YBB ka gore ba na le kitso e ntsi e ba e kgobakantshitseng mme e ka bulela babatlisisi  ba bantsi tsela.

Ka nako ya go golola buka, Moporof Verhoef o abetse Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri buka e ka gore ke ene yo a akantseng tiro e ya go fetola ka mo diphaposi= borutelong ka mo YBB. O ne a boka Ngk Eloff ka maano a gagwe a ponelopele a a dirileng gore diporokerama tse tsa dipuodintsi di netefale ka mo YBB.

Go ya ka Moh Leanne Martini, CEO ya Bagatisi ba Van Schaik, buka ya ntlha mo kgobokanyong e, e e sekasekileng mabaka a a farologaneng a dipuo, e gatisitswe ka 2000. Ene o akanya buka e e nthwa e, e tlile fela mo godimo ga nako mme e tla go rarabolola mathata a a dipuo ka mokgwa o wa go toloka ka mo thutong go tlisa tiriso ya dipuodintsi ka mo tikologong ya go ruta le go ithuta ka mo Aforika Borwa.

Ditokololo tse dingwe tsa badiri ba mo YBB ba ba kwadileng le bone ka mo bukeng e, ke barena Johan Blaauw le Gene Mathey le bahumagadi Rhoda Bothma, Elma de Kock, Herculene Olivier le Maristi Partridge.



Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo mo YBB le motseleganyi-mmogo wa buka ya tlotlo ya Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery o na le Moporof Theodorus du Plessis wa Yunibesiti ya Foreisitatale Moh Leanne Martini, CEO ya Bagatisi ba Van Schaik, ka nako ya go golola buka e e nthwa mo Potchefstroom.



Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Bokaedi jwa Dipuo mo YBB, o fa Moporof Maritte Lowes, Motlatsa-moreketoro:Akatemi khopi ya buka ya Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery. Le bone go na le Moporof Hein Viljoen, Mokaedi wa Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa ka mo Tikologong ya Aforika Borwa, Khamphase ya Potchefstroom.

