Babatlisisi ba YBB ba a itlhaola






Ke sa ntlha mo hisitoring ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) gore go abelwe Mmatlisisi wa Ngwaga, Mmatlisisi wa Ngwaga yo Mmotlana le Lefelo la Patlisiso la Ngwaga ka moletlo wa Boitseanape jwa Patlisiso e e neng e tshwerwe fela maloba ka mo Potchefstroom.

Moporof Ian Rothmann wa Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo wa ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom o biditswe leina go nna Mmatlisisi wa Ngwaga ya 2007 mme Moporof Louis Kotz wa Fakalthi ya Molao, le ene go tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom o biditswe leina go nna Mmatlisisi wa Ngwaga yo Mmotlana wa 2007. Lefelo la Patlisiso la 2007 ke la AUTHeR(Africa Unit for Transdisciplinary Health Research) l Mokaedi wa lone e leng Moporof Est Vorster. Lefelo le la patlisiso le ka mo Fakalthing ya Bosaense jwa Boitekanelo ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Tlotlo gape e filwe babatlisisi ba ba 11 ba ba atlhotsweng sewa ke NRF(National Research Foundation), mme ba ba 22 ba ne ba atlhotswe gape mme botlhe ba dumelwa mme ga amogelwa le babatlisisi ba ba tswang diyunibesiting tse dingwe ba ba 4 ba ba atlhotsweng le bone mme bone ba thapilwe kwano jaanong.  

Go ya ka Moporof Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Thuso ya Patlisiso, go ka amogelwa katlholo ya NRF ke bokgoni jo bo tlotliwang ka gore ke babatlisisi ba ba 10% fela ba mo diyunibesiting tsa Aforika Borwa ba ba atlholwang ka katlego.

Thulaganyo e e nthwa ya dikabelo tsa patlisiso ka mo YBB e lebelela ditiro tsa go itlhaola ka patlisiso ka mo ngwageng e e rileng mme dikabelo tsa ngwaga e di dirilwe ka go lebelela kumo ya patlisiso ya 2007.
Bafenyi ba dimetlele tsa S2A3 le ABSA tsa baithuti ba MA ba bafenyi ka mo tikologong ya Saense, Boenjineri le Thekenoloji le ka mo Bosaenseng jwa Boago le Botho, le bone ba ile ba abelwa le bone ka mo moletlong o wa dijo tsa maitseboa. Mor Petrus Jansen van Vuren wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego o fentse metlele ya S2A3 mme Moporof Nico van der Merwe wa Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo o fentse metlele ya ABSA. Ka bobedi ba tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

Go ka bona tshedimosetso ka ga thulaganyo ya go abela patlisiso o ka ikopantsha le Moporof Amanda Lourens kwa Amanda.Lourens@nwu.ac.za (Link: mailto:Amanda.Lourens@nwu.ac.za) kapa (018) 299 4848.



Ba ba neng ba le teng ka mo Moletlong wa Dikabelo tsa Boitseanape jwa Patlisiso, go tswa mo molemeng e ne e le Moporof Maritte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Khamphase ya Potchefstroom, Moporof Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo:Thuso ya Patlisiso, Moporof Annette Combrink, Moreketoro:Khamphase ya Potchefstroom, Moporof Ian Rothmann, Mmatlisisi wa Ngwaga, Moporof Est Vorster, Mokaedi wa AUTHeR, Lefelo la Patlisiso la Ngwaga, le Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB.

