Kabelo ya Patlisiso go thusa go lwantsa kgotlelo






Arcelor Mittal Steel e file Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) kabelo ya patlisiso e e kana ka R240 000 go ba thusa go araba dikgwetlho tsa bone tsa kgotlelo.

Porojeke e ya tirisanommogo ya dirutwa tse dintsi e go ka nang le tirisanommogo ya dirutwa jaaka boenjineri le bosaense jwa tikologo e na le maikemisetso a go batla tharabololo ya kgotlelo e e tlisiwang ke go latlha leraga ga feme ya khampani e, kwa Holfontein.

Go lebagana le maikaelelo a Arcelor Mittal Steel go oketsa palo ya bawa ba bantsho ba mo Aforika Borwa ba ba rutegileng thata ba baenjineri ba bokamoso, go ntshitswe basari ya R120 000 ka ngwaga, e e tla abelwang baithuti ba babedi ba bantsho ba ba itlhaolang gore ba dire patlisiso ya dilemo di le pedi.

Thomeletso ya khampani, e e neng e eteletswe YBB pele ke Moh Marianne Thompson, Motlhokomedi wa Diphetogo, e ne e tlile mo Yunibesiting maloba fela go tla go buisana le go tlisa ditheke.

Madi le matlole a mangwe a teng mme re tlhoka gore Yunibesiti e re bolelele gore go tlhokega ditlhotlheletso dife gape go oketsa palo ya bantsho ba Aforika Borwa go tswelela kwa MA le kwa PhD, ga re Moh Thompson.

Kopano magareng a Arcelor Mittal Steel le YBB e ne e na le maikaelelo a go bopa tirisano e e ka melawana magareng a ditheo tse pedi mme go lebeletswe thata Senteramo ya Saense ya khampani.

Sekao sa tirisanommogo e e setseng e le teng magareng a ditheo ke porojeke ya Yunibesiti ya Ikateleng. Arcelor Mittal Steel ke e ngwe ya baemeladitshenyegelo ba porojeke.  Porojeke e e thusa barutwana ba Kereiti ya 12 gore ba oketse maduo mme ba tokofalele ditlhatlhobo tsa bone tsa materiki.




Ba ba neng ba le teng ka mo tirelong ya go fana ka kabelo e ne e le mo pele go tswa mo molemeng: mor Funani Mojono, Mokaedi wa Molaodi: Collect-A-Can, le Moporof Johan Fick, Diini: Fakalthi ya Boenjineri, Khamphase ya Potchefstroom.  Kwa morago go tswa mo molemeng go na le: Moporof Maritte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: Akatemi, Akademie, Khamphase ya Potchefstroom, Ngk Themba Mosia, Mokwaledi wa Setheo, YBB, moh Marion Green-Thompson, Molaodi wa Diphetogo, Arcelor Mittal Aforika Borwa, le moh Matahbo Phomane, Molaodi: Kgolagano ya Bontsi, Collect-A-Can.

