YBB e tlamela letsholo la go se tshware basadi le bana ka dikgoka






Akanya fela, fa go ka diragala gore ka malatsi a a 16 go tshwariwe mosadi kapa ngwana ka dikgoka. Mo Aforika Borwa kgetsi ya thulo e bulwa metsotso e e 14 e mengwe le e mengwe, morago ga metsotso e e 75 e mengwe le e mengwe mosadi kapa ngwana o tlhaselwa maswe mme diura tse pedi le tse pedi kgetsi ya tlhokomologo ya ngwana e bulwa kwa mapodising.

Dikgang tse ruri ke tse di tshwenyang mme di tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tlamela letsholo la malatsi a a 16 go se tshware basadi le bana ka dikgoka mme se se tlosiwe.  Malatsi a a 16 go se Tshware Basadi le Bana ka Dikgoka ke kgwetlho mo bathong ba mo Aferika Borwa gore ba itlame mme ba ipolelele go se tswelele go dira se mo merafeng ya rona mme go fele gotlhe-gotlhe.

Letsholo le ke la bodithabathaba mme le tlhometswe sa ntlha kwa Setheong sa Baeteledipele ba Basadi ba Lefatshe mme le ne le emiwa nokeng ka letlole ke Senteramo ya Baeteledipele ba Basadi ba Lefatshe ka 1991.  Le fa letsholo la lefatshe le lebelela gagolo go tshwara basadi ka dikgoka, mo Aferika Borwa go tsentswe le bana ka gore se se diragalela bana thata le bone, mo sethabeng sa rona.

Mo Aferika Borwa ke ngwaga ya bo 11 morago ga go nna mmuso wa temokerasi wa dingwaga di le 14 ya go tsena mo letsholong le la go thibela go tshwara bana le basadi ka dikgoka.  Letsholo le simolola ka letsatsi la 25 la Ngwanatsele, Letsatsi la Bodithabathaba la go se tshware Basadi le Bana ka Dikgoka mme le tla tswalwa ka letsatsi la 10 la Sedimonthole ka letsatsi la Bodithabathaba la Ditshwanelo tsa Batho.

Letsholo le, ke karolo e le nosi mo ngwageng ya Mmuso, mo go tse dingwe tsa ngwaga, go emisa go tshwara bana le basadi ka dikgoka.  Letsholo le na le maikaelelo a go thusa maikaelelo a tlhabololo a ntlha a mmuso a go baakanyetsa mongwe le mongwe botho, e bile le ka mo malapeng le mo merafeng ya kagiso.

Ngwaga le ngwaga letsholo le itsisa mme le tlhomela kitso ya lente e e tshweu e e kopelwang e e bontshang batho le ditheo tse di itlamang go tlosa se ka mo merafeng.  Lente e e tshweu e bontsha gore motho yo a e kopelang o itlamela go se tshware basadi le bana ka dikgoka le go se tswale matlho le ditsebe fa se se diragala mme a bolele fa a bona se se diragala.

YBB e na le kgatlhego ya go tsaya karolo mo letsholong le le go supa gore e tlamela kgang e.  Re tsaya karolo ka molaetsa o wa bidio&nbsp; (Link: http://www.nwu.ac.za/static-content/16DaysCampaign.wmv) mme re tlhotlheletsa badiri, baithuti le batsayakarolo botlhe go kopela dilente tsa bone mme ba utwise mantswe a bone.

