Palo ya rekoto ya baithuti ba amogela disetifikeiti tsa tsamaiso ya diatshe






POTCHEFSTROOM - Palo ya rekoto ya baithuti ba ba katisitsweng ka mokgwa wa go tsenelela ba fetsa go amogela disetifikeiti tsa bone tsa tsamaiso ya diatshe go tswa mo Artma ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).

Ngwaga e go ne go tlhophilwe baithuti ba ba 33 go tswa mo sethabeng ka bophara go tswa mo go ba ba 622 ba ba neng ba kopile go tla go dira khoso e e tlotliwang e ka mo Potchefstroom.

Go ya ka molaodi wa Artma  Setheo sa Tsamaiso le Tlhabololo ya Diatshe, mor Chris de Bruyn, ngwaga e ke sa ntlha ba tsamaisitseng letsholo le mo sethabeng sotlhe go ka bona baithuti gotlhe. Mo bofelong go itlwe ga tseiwa baithuti ba ba 33 go tswa mo diporofenseng tsa Bokone-Bophirima, Gauteng, Mpumalanga, Limpopo le Kapa ya Botlhabatsatsi.

Moithuti yo mongwe, moh Omphemetse Mokgosi, o rile gore ba bona kumo ya tiro e thata e ba a dirileng dikgwedi tse di robongwe tse di fetileng mme moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go bontsha lefatshe jaanong gore ba na le bokgoni bofe. Karolo ya diatshe ka mo Aforika Borwa e re emetse, a re e bontshe gore re ka dirang, a tswelela go itlhalosa.

Tlhogo ya Lefapha la Setso ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom, mor Horst Btow, o rile gore baithuti, mo katisong ya bone, ba ne ba tshwanetse go dira porojeke ya go rulaganya le go diragatsa metshameko e e 15 go tswa mo tshimologong go ya bokhutlong mo Aardklop 2008. Ba ne ba tsamaisiwa maeto a mabedi kwa Gauteng le kwa Tshwane kwa ba ileng ba kopantshiwa le ditheo le dithulaganyo di le pedi tsa atshe le setso go ba itsisa tseo.

Go ya ka Mor Btow khoso e na le diteng tse di farologaneng tsa mabaka a tsamaiso le go rulaganya mo tikologong ya diatshe. Gotlhe go diriwa go ruta baithuti ditheo tsa mo tsamaisong ya diatshe gore ba kgone go abela kitso ya bone ka mo merafeng ya bone, ga re ene gape.

Ngwaga e khoso e amogetse kabelo go tswa mo SETA ya Media, Advertising, Printing, Publishing and Packaging Seta (MAPPP-Seta) gore khoso e rutiwe ngwaga ya 4 jaanong. MAPPP Seta e abetse R35 000 go moithuti mongwe le mongwe go ka tsena khoso.



Go tswa mo molemeng go na le mor Chris de Bruyn, Molaodi wa Artma, Mor Romeo Langeveld, motlhankedi wa tsamaiso ya Artma, mor Fani Moropa wa kwa Witbank yo a boneng sekgele sa moithuti wa mampodi, moh Thendo Nkhumeleni wa Thohoyandou kwa Limpopo, le mor Mosiuoa Lebone, wa MAPPP-Seta.

