CTexT e fana ka diporokerama di le lesome tsa go tlhola mopeleto gore di atlholwe ke mmuso






POTCHEFSTROOM  CtexT(Centre for Text Technology (CTexT)) ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba ba fetsa go fa Lefapha la Atshe le Setso (DAC- Department of Arts and Culture) diporokerama tsa go atlhola mopeleto di le lesome gore ba di atlhole.

CTexT le NLS(National Language Service) ya Lefapha, ba ile ba tsenela kutlwano ka mafelo a 2006.  Maikaelelo a porojeke a ne a le go bopa diporokerama tse tsa go atlhola mopeleto gore di dire thata ka mo tikologong ya mmuso.  Diporokerama tsa go atlhola mopeleto di na le dikarolo tsa diporokerama tse di kgolo tsa go atlhola mopeleto tse di leng teng mo mmarakeng tsa Seaferikanse, isiXhosa, isiZulu, Sepedi le Setswana, mme gape go na le diporokerama tsa go atlhola mopeleto tsa kgala ya ntlha tsa Sesotho, Tshivenda le Xitsonga mme le tsa kgala ya bobedi tsa isiNdebele le Siswati.

Ka letsatsi la go isetsa lefapha diporokerama, CTexT e ne e etetse NLS mme ga tshwariwa wekhopo e e neng ya tshwariwa ke setlhopha sa baatlhodibagolo ba bone.  Ka nako ya wekhopo, Sulne Pilon wa komiti ya taolo ya CtexT o ile a tlhalosa mokgwa wa go dira wa diporokerama tsa go atlhola mopeleto ka gale mme a kaela gape gore di ka bonwa gore di ka kgona eng.  O gateletse gore diporokerama tsa mopeleto ga di itse bokao jwa dipolelo mme di atlhola fela mopeleto wa mafoko mme ke ka lebaka le gore di se tshepiwe go baakanya le dipolelo le bokao jo bo siameng jwa mafoko.  Ba tshepisitse DAC gore data e e dirisitsweng go bopa diporokerama e atlhotswe ke baitseanape ba dipuo mme bokgoni jwa diporokerama bo tsamaisana le se se amogelwang ke boleng jwa bodithabathaba.  Boleng jo bo raya gore diporokerama di tshwanetse go lebelela mafoko le go a atlhola le go kaya gore mopeleto o siame sentle le gore fa go na le mopeleto o o sa siamang di kgone go bontsha seo ka bokgoni jwa 90%.

Porojeke ya diporokerama tsa go atlhola mopeleto e e neng e filwe CTexT ya YBB ke e nngwe ya ditirelo tse di kgolo tsa DAC ka mo tikologong ya Thekenoloji ya Dipuo tsa Batho. Maikaelelo ke gore go tokofatswe boleng le go tshwana ga diphetolo tsa ditokomane ka mo dipuong tsa semmuso mme ka go dira jalo go abelwe mo tlhomelong ya Thulaganyo ya Maikemisetso a Dipuo tsa Sethaba, ga re Ngk Mbulelo Jokweni, Mokaedimogolo wa Tirelo ya Dipuo tsa Sethaba.

Bafetoledi ba mmuso ba tla atlhola diporokerama tsa katlholo ya mopeleto mme ba tla boela mo go CTexT go tla ka dikakanyo. Diporokerama tsa bofelo di tla fiwa DAC ka tshimologo ya 2009.



Ka mo morago go tswa molemeng go ya mojeng go na le Mor Tshikani Mabasa, Moh Christine Marais, Ngk Mbulelo Jokweni, Mokaedimogolo wa Tirelo ya Dipuo tsa Sethaba le moh Alice Motsei, botlhe go tswa go Tirelong ya Dipuo tsa Sethaba.  Ka mo pele go tswa molemeng go ya mojeng go na le Moh Sulne Pilon, Balaodi ba CTexT, Mor Romeo Mohare go tswa go Tirelong ya Dipuo tsa Sethaba le Mor Martin Puttkammer, Balaodi ba CTexT.


