Baithuti ba Boenjineri ba fenya ka roboto ya kofi






POTCHEFSTROOM  Baithuti ba ba 6 ba ngwaga ya boraro ba Boenjineri jwa Motlakase le Eleketeroniki, Dikhomputara le Bomethini ba bontshitse gape gore bokgoni bo teng ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mo Fakalthing ya Boenjineri ka ba tlhophilwe go nna bafenyi mo kgaisanong ya Siemens Cyber Junkyard e e leng kgaisano ya go bopa methini ya intaseteri.

Popo e e neng e kwadisitswe ke baithuti ke mathini e e dirang kofi ya boleng jwa intaseteri mme ba fenya diyunibesiti di le 9 tse di neng tsa ikwadisa. Mo tshimologong ya ngwaga ba ile ba tlhophiwa go nna e le nngwe ya ditlhopha tse di lesome go ya kwa bofelong jwa kgaisano e tshwariwang gore ditheo tsotlhe tsa thuto-godimo tsa mo Aforika Borwa tse di nang le difakalthi tsa Boenjineri di ikwadise. Ditlhopha tse di neng tsa ikwadisa di ne tsa tswa kgakala jaaka jwa Zambi.

Bafenyi ba ile ba bidiwa maina kwa kopanong ya maphatsi-phatsi kwa Gauteng mo go neng go na le baitseanape ba ba 400 ba mo intaseteri. Go tloga ka 2006 ke gabedi bafenyi ba kgaisano e le ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB. Kwadiso ya pele e e neng ya fenya ke e e neng e bopa ditshwaradinotlolo mme ya di kopantsha.

Go ya ka Moporof Jan de Kock, Mokaedi wa Sekolo sa Boenjineri jwa Motlakase le Eleketeroniki le Dikhomputara, baithuti ba ne ba tshwanetse go fana ka puo gore ba atlholwe mme morago ba bope mothini o wa kofi. Dikaelo tse di neng tsa beiwa ke gore mothini kapa roboto e ne e tshwanetse go kopiwa kofi ka remoutu mme o dire kofi mme o e tlisetse modirelwa kwa kgakalanyana le roboto.

Le fa didiriso dingwe di ne tsa ntshiwa, baithuti ba ne ba tshwanetse go bopa dithulaganyo le go kwala diporokerama tsa khomputara.  Lefapha la mo Khamphaseng la Popo ya Didiriso ba ne ba bopa dikarolo tse dingwe tsa roboto.

Setlhopha sa mo YBB sa bafenyi se ne se direla ka mo tlase ga boeteledipele jwa ga Mor Piet van Huyssteen, motlhatlheledi wa Boenjineri jwa Dikhomputara. Ditokololo tsa setlhopha di ne di le Adelle Bouwer, Tanya Steyn, Abrie Nieuwoudt, Pieter Goosen, Wichert Huyser le Frikkie van Zyl, mme ke bone ba ba neng ba amogela didiriso tsa boenjineri tsa madi a kana ka R50 000 a go tla mo YBB. Mongwe le mongwe wa bone o amogetse leptopo mme ka Seetebosigo ba tla tsena khonferense kwa Sun City mahala ka gore le se ke karolo ya kabelo ya bone. Setlhopha gape se tlile go fiwa katiso e e tseneletseng kwa Siemens malatsi a a 21. Siemens e ne e le khampani e e neng e emetse ditshenyegelo gagolo.





Bafenyi ba Kgaisano ya Cyber Junkyard go tswa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB ka roboto ya bone e e dirileng gore ba fenye ka e kgona go go tlisetsa dino tse di mogote. Kwa morago go na le mor Abrie Nieuwoudt le bomme Tanya Steyn le Adelle Bouwer. Mo pele go na le mor Piet van Huyssteen, motlhatlheledi wa Boenjineri jwa Khomputara,  Mor Pieter Goosen, Mor Wichert Huyser le Frikkie van Zyl.

