Ferreira o abetswe gape go nna mmatlisisi o mowa






POTCHEFSTROOM - Mmatlisisi wa kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) ke mofenye wa awate ya Third World Academy of Science (TWAS) ya babatlisisi ba ba botlana ba 2008.

Porofesa Stefan Ferreira o ne a newa tlotla eno kwa sekolong sa saense ya tlholego le ya dikhemikale.

O ne a kgatlha fela thata babatlisisi bangwe ba maemo a a kwa godimo ba Ba-Aforika Borwa ka patlisiso ya gagwe, rekoto ya gagwe e ntle ya go katisa baithuti ba morago ga boalogane, le kafa go nang le kgonagalo ka gone ya gore patlisiso ya gagwe e solegele baagi ba naga ya rona molemo ka gone le ka go nna le seabe ga gagwe mo go ruteng batho mo sethabeng ka saense.

Boikaelelobogolo jwa TWAS ke go akgola le go ema nokeng biaitsesaense kwa dinageng tse di tlhabologang ba ba nnang le seabe ka tsela e e tlhomologileng mo go direng gore saense e gatele pele. Go nna le seabe ga bone go amana le palo ya ditlhogo tsa patlisiso tsa moitsesaense le kafa di ileng tsa amogelwa ka gone mo dikgatisong tse di itsegeng tsa bodithabathaba.  TWAS e laolwa ke Academy of Science of South Africa (ASSAF).

Porofesa Ferreira o simolotse patlisiso ya gagwe ka mmotlolo wa dipalo wa motsamao wa diphatikile tse di tletseng (marang a cosmic)  mo teng ga letsatsi, o o bidiwang heliosphere. Patlisiso eno e akaretsa go laola eneji e e kwa tlase ya diileketerone tsa Jupitha, diphelelo tsa tiro ya modikologo wa letsatsi fa le ntsha marang a cosmic mmogo le go akofa ga diphatikile tse di tsamaisang mogote tse di rweleng ke phefo.

Mo digwageng tse di fetileng, o ne a ntse a tshwaregile ka go dira porojeke e ntha ya mmotlolo wa maatla a diedi tsa heliosphere, di-astrophere tse dingwe, mmogo le di-shock wave tse di tsamayang fa gare ga dinaledi morago ga go thunya ga naledi (supernova). Mo godimo ga moo, o dirisana mmogo ka metlha le ditlhopha tsa patlisiso tse di kwa moseja tse di tsayang karolo mo patlisisong ya ga Ulysses ya  European Space Agency (ESA), le ka Loeto 1 le 2 a a dirilweng ke American Space Agency (NASA).

Jaaka moitsesaense yo mmotlana, Porofesa Ferreira o ne a amogela awate go tswa go (International Union for Pure and Applied Physics (IUPAP) ka 2007 le mme ka 2006 o ne a amogela awate ya Boporesidente ya National Research Foundation (NRF) ya babatlisisi ba ba botlana ba ba lejwang jaaka ba ba tlileng go nna baeteledipele mo tirong ya bone ya bobatlisisi.

Ka 1993 o ne a le moithuti wa ngwaga wa ntlha wa Yunibesiti ya pele ya Potchefstroom wa Thuto e e Kwa Godimo ((PU ya CHE) mme morago ga dikirii ya gagwe ya BSc, o ne a iponela gerata ya masetase le ya bongaka.  Ka 2000, o ne a tlhomiwa go nna motlhatlheled wa Physics, morago ga dingwaga tse pedi a tlhomiwa go nna motlhatlheledi-mogolo le mongwe wa baporofesa mo serutweng sa gagwe mo ngwageng o o fetileng. Gape, o ile a dira patlisiso dikgwedi di le thataro kwa Jeremane kwa Ruhr Universitt, Bochum, ka 2002.



Prof Stefan Ferreira go tswa kwa Sekolong sa Physics kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU).

