Launch and Inauguration






"Re kgonne go feta re fofa heke ya ntlha. Re dirile sentle - re dirile ka tsiamo."  Mafoko a a ne a le a ga Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa Khansele wa Unibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) fela pele ga nako ya go tlhomela semmuso ga yunibesiti e e ntshwa. Ka kopano y maphatsi-phatsi e e tla tshwarelwang kwa Potchefstroom Banquet Halls ka 14 Moranang go tlabo go tswelelwa go bopa histori gape ka go tlhomela semmuso Ngako Popo Molefe, Premiri ya pele ya Porofense ya Bokone Bophirima go nna Mokhansele wa ntlha wa setheo le Ngaka Theuns Eloff go nna Motlatsa Khansele wa ntlha wa setheo.

Se sengwe sa ntlha ke go opela ga pina e e ntshwa ya yunibesiti e e tla opelwang ke dikwaere tsa dikhampase tse di farologaneng.  Histori e tla diriwa gape fa Eloff a bolelela tse di kgonagetseng mo ngwageng ya ntlha ya yunibesiti e e ntshwa ya NWU le gore maikaelelo a bokamoso ke eng.  Palogare ya Batlatsa Khansele ba le lesome nngwe ba diyunibesiti tse dingwe ba ka tla go ya kopano ya go tlhomela mme gape le Moh. Edna Molewa, Premiri wa Bokone Bophirima o tla tla go fa moeteledipele wag gagwe seatla gammogo le Eloff ka molaetsa o o rileng.

Molefe, yo o tla nnang sefatlhego sa yunibesiti, jaanong jaana ke CEO wa Lereko Investments, Modulatsetulo wa Petro SA, tokololo ya khansele ya lethlhole la mo gare la maatla le letlole la mosolatogamaano la lookwane mme gape o mo khanseleng ya Xantium Technology Holdings Ltd le Anoorag Resources Corporation.  Molefe ke tokololo ya Komiti ya phetiso ya Setshaba ya ANC mme gape ke modulasetulo wa komiti-tlase ya Mmuso le Dilejiselatara.

Statutu  e e ntshwa e setse e le mo tafoleng ya ga Moh. Naledi Pandor, Tona ya Thuto gore a e amogele mme tiragatso ya ponelopele le ya misene ya setheo e setse e le gaufi le go fetswa. Di ne di buisanwa ka Laboraro o o fetileng kwa kopanong ya Senete mme e tla isiwa kwa Khanseleng ka 15 Moranang.


Ngaka Popo Molefe


Ngaka Theuns Eloff

