Gerber o tlhophilwe go nna moatlhodi wa Roscar






Motlhatlheledi ka tsa bidio ya tshedimosetso kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) o ne a tlhophiwa gore a nne moatlhodi wa difilimi mo moletlong o mogolo le o o botlhokwa go e feta yotlhe wa difilimi tsa tlhago le hisitori tsa Aforika Borwa.

Porofesa Attie Gerber wa sekolo sa Dithuti Tsa Tlhaeletsano o tla bo a atlhola difilimi tsa tshedimosetso tse di tsenetsweng tsa moletlo wa ngwaga le ngwaga kwa Durban wa Wild Talk Film, a na le setlhopha sa batho ba ba tlhophilweng ba dinaga di sele mmogo le bomankge le baeteledipele mo intasetering eno.

Ntlhakgolo ya moletlo ono wa difilimi ke diawate tsa Roscar mme Porofesa Gerber ke moatlhodi wa tsa setlhopha sa bojanala mo dilong tsa tlhago.

Moletlo ono wa difilimi, o o tla tshwarwang ka di 19 go ya go di 23 tsa Moranang 2009, o ngoka badiri ba difilimi ngwaga le ngwaga go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Gape moletlo ono o bula tshono ya gore bakaedi ba difilimi ba naga ya rona mmogo le bakwadi ba tsone ba kopane le badiri-ka-bone ba dinaga di sele, badira ditshwetsole bareki.   Bakaedi-khuduthamaga ba dithanele tse di jaaka tsa National Geographic, Discovery Channel le Animal Planet ba tla mo moletlong ono wa difilimi go tla go di reka.

Leina la mongwe wa baithuti ba gagwe e leng Liesl-Dana van Schalkwyk, le ne la tsenngwa mo maineng a ba go tlileng go tlhophiwa mo go bone ba setlhopha sengwe sa difilimi ka tekanyetsokabo e e lekanyeditsweng ya filimi ya gagwe ya dikirii ya gagwe ya masetase.   Voices of the Drylands e ntse e bontshiwa mo dinageng tse di farologaneng tse di kwa moseja.

Porofesa Gerber, e leng motlhami-mmogo wa lenaneo la 50/50, o nnile le ngwaga o mo go one a ntshitseng bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama difilimi go gaisa tse dingwe tsotlhe.  Ka January wa ngwaga ono, Natural History Magazine kwa New York e ne ya gatisa ditshwantsho dingwe tsa gagwe tsa ditshwene, e bile go kgabisitswe bontle tota ka ditshwantsho tsa gagwe tsa Vredefort Dome mo diphaneleng tsa dipota tsa Boemela-fofane Jwa Bodithabathaba jwa OR Tambo.

Ga jaanong jaana, Porofesa Gerber o tshwaragane le go feleletsa khalendara ya gagwe e ntle ya boraro e e nang le Dome, e e tla simololang go abiwa mo masimologong a December. Dikhalendara tseno tse di batliwang ke batho ka bontsi di dirwa ka fa tlase ga bolaodi jwa Lefapha la Temothuo, Tshomarelo ya Tlhago le Tikologo la Porofense ya Bokone-Bophirima.

Ga jaanong jaana Porofesa Gerber o tshwaragane le go dira difilimi di le tharo tsa tshedimosetso tse a rulaganyetsang go di tsenya mo meletlong ya difilimi ya bodithabathaba. Filimi e a e dirang ya kgang kaga botshelo jwa  badira ba setso kwa Kalahari, Namaqualand le Richtersveld e tla wediwa mo ngwageng o o tlang.

Gone jaanong jaana o tshwaragane le go feleletsa mokwalo kaga botshelo jwa ga Rita Miljo, monkge yo o itsegeng mo lefatsheng lotlhe ka tsa ditshwene kwa wa kwa Phalaborwa.

Filimi ya boraro ya tshedimosetso ya ga Gerber e bua ka motho yo o falotseng mo dikampeng tsa pogisetso tsa Boer War.




Tshwene e leba tiro ya ga Porofesa Gerber e e atametse thata ka nako ya fa a ne a dira filimi ka mefuta ya tsone.



Phanele ya lebota le le nang le ditshwantsho tsa ga Porofesa Gerber kwa Boemafofaneng jwa Bodithabathaba jwa OR Tambo.



Chert-breksies, e leng setshwantsho se sengwe gape mo Khalendarang ya Dome ya 2009 ya ga Porofesa Gerber.



Sengwe sa ditshwantsho tsa tshwene e e neng ya tshwantshiwa ke Porofesa Gerber se se neng sa dirisiwa ke Natural History Magazine kwa New York.

