Baithuti ba ba 72 ba YBB ba amogela dibasari tsa thuto






POTCHEFSTROOM  ROF(Rapport Onderwysfonds/Letlole la Thuto la Rapport) gone maloba le abetse dibasari tsa thuto tsa madi a kana ka dimeleone di le R1,7 go baithuti ba ba 72 ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  gore ba tswelele ka dithuto ka 2009.

ROF e abetse R468 000 ka 2008 go baithuti ba Khamphase ya Potchefstroom mme go fitlhela jaanong jaana baithuti ba khamphase e ba setse ba amogetse dibasari tsa thuto tsa madi a kana ka R1,6.

Go ya ka mor Kobus Rossouw, molaodi ba ROF, maikaelelo a letlole ke go thusa baithuti ba leleme la Seaferikanse go ka bona dibasari le dikadimo tsa thuto mme balaodi ba khansele ya ROF ba lebeletse thata baithuti ba borutabana mo ba abetseng 75% ya madi a a neng a le teng. Palo e e salang e abelwa baithuti ba Fakalthi ya Bosaense jwa Ekonomi le Taolo.

O gateletse gape gore bontsi jwa baithuti ba ba thusiwang ke ba ba neng ba na le didisetinhene di le 7 kapa 8 ka materiki mme ba sa kgona go bona dibasari gope. Baamogedi ba dibasari tsa ROF ba dula ba na le palogare ya maduo magareng a 70 le 74%.

Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase, o rile gore go botlhokwa thata gore go katisiwe barutabana ba ba siameng thata le gore dithuto tsa teiari di a tura mme kabelo e nngwe le e nngwe e amogelwa ka diatla tse pedi. Re lebogela thata gore letlole le thusa baithuti ba bantsi jaana go ka tsena yunibesiti.  Go monate gape go itse gore baithuti ba barutabana ba Seaferikanse ba thusiwa mme ba a tlhabololwa mme puo ya bone e agelwa pele go nna puo ya saense le ya thuto, a tswelela go tlaleletsa.

Ke toro ya rona go oketsa palo ya R12 000 e baithuti ba e amogelang jaanong jaana ka ngwaga. Maikaelelo a bofelo a rona ke gore ROF e kgone go thusa baithuti ba ba 250 ka basari e e bophara e e tsentsweng madi a dithuto, dibuka, madulo le dijo, ga re mor Rossouw.



Mor Danie Hefer, Tlhogo: Tirelo ya Kemonokeng ya Dithelete, moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, mor Kobus Rossouw, Molaodi wa ROF, le mor Pieter van der Walt, tlhogo ya pele ya Tirelo ya Kemonokeng ya Dithelete, ka nako ya moletlo wa go amogedisa dikabelo tsa dibasari.





Bawelane ba bararo ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ba ba boneng mosola go tswa mo Letloleng la Thuto la Rapport. Bana ba bararo ba ba lelapa la ga Opperman, ba e leng Lerine, Nadia le Adle, ke baithuti ba ngwaga ya bobedi ya borutabana. Fa go bone go na le moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom.

