Moithuti wa YBB wa morago ga dikerii ya PhD o amogela basari ya patlisiso go tswa go NASA






POTCHEFSTROOM  Tlotlo ya lefatshe ka bophara e bonwe ke moithuti wa YBB wa morago ga dikerii ya PhD wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  ka go amogela basari ya patlisiso go tswa go NASA (National Aeronautics and Space Administration) go tswa kwa USA.

Ngk Christo Venter wa serutwa sa Fisika ke a le mongwe wa baithuti ba ba 60 ba basaense ba ba amogetseng dibasari ka mo dirutweng tse di farologaneng. O amogetse le basari ya patlisiso ya tlotlo ya Fermi GLAST. GLAST ke thelesekopo sa Lerang la Gamma le le bophara ya lefaufau le le ileng la fofisiwa mo tshimologong ya ngwaga.

Porokerama ya NASA ya morago ga dikerii ya PhD le fana ka tshono e e tlotliwang ya go ka fa babatlisisi ba ba ditalente tse dintsi go ka dirisana ka mo diporokerameng tsa patlisiso tsa kwa NASA gore ba baakanyetswe bokamoso. Basari ya dilemo di le tharo le bopilwe gore le thuse NASA ka bosaense jwa lefaufau, bioloji ya dinaledi, thuto ya go fofa, ditiro tsa go ya lefaufaung le go batlisisa koo.

Ngk Venter o amogetse dikerii ya gagwe ya PhD ka Lwetse 2008 ka mo YBB. Go ya ka motlhatlhobi wa kwa ntle wa gagwe, nkg Alice Harding wa Senteramo ya Goddard ya go fofela Lefaufaung kwa NASA, Venter o butse tsela ya kitso mme o bopile motlele ya go bontsha dinaledi tsa neoterone gore di bonwe sa ntlha ka mokgwa wa go bana dikarolo di le tharo.

Go ya ka moporomotara wa PhD ya gagwe, Moporof Okkie de Jager (le ene ke mmatlisisi yo mogolo wa fisika ya lefaufau), ba ne ba le kwa khonferense kwa Polane e rile ba amogela molaetsa wa kabelo ya basari. Babatlisisi le Basaense ba bagolo ba ba neng ba tsene khonferense ba ne ba botsa gore ke jang fa mongwe wa Aferika a ka kgona go bona maemo a a kwa godimo a. Ba ne ba botsa gore Potchefstroom ke kae ka gore le YBB ga e teng ka mo diskerining tsa radara tsa lefatshe. Ke makatswa fela gore ke leng pele ga jaanong gore moithuti wa YBB a amogele kabelo e e kwa godimo jalo mme e le kabelo e e galelwang ke baeteledipele ba babatlisisi le basaense ba diyunibesiti tse dikgolo tsa Amerika, ga kwala Moporof De Jager go tswa kwa Polane.

Ngk Venter o feditse materiki ka mo Potchefstroom Gimnasium mme a feta ka didesetinene di le robedi le ka maduo a a kwa godimo go feta ka mo porofenseng ya Bokone-Bophirimag. O fetile le BSc le MSc ka mo YBB ka didesetinene mme ka a le motlhatlheledi wa Sekolo sa Fisika o setse a ile kwa dikhonferenseng tse dintsi tsa kwa moseja.  Ene ke mokwadimmogo wa dikgatiso le diathikele di le 56 tsa bodithabathaba mme di le 46 go tswa mo go tsone e leng tsa tirisanommogo ya gagwe ka mo setlhopheng sa bodithabathabeng sa HESS(High Energy Stereoscopic System. Setlhopha se se ne sa amogela kabelo ya Saense ya Descartes go tswa go Yuniebe ya Yoropa.



Ngk Christo Venter yo a tlogang a fofela kwa NASA.

