Moithuti wa YBB o amogela kabelo ya Loerie ya gauta ka tiro ya popo ya kerafo






POTCHEFSTROOM  Moithuti wa popo ya kerafo wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)  o fentse kabelo ya Loerie ya gauta mme diporojeke tse tharo tse dingwe di ile tsa amogela dikabelo tse di boronse.

Magdel Smith o fentse kabelo ya Loerie ya gauta ka go ikwadisa ka popo ya gagwe ya kgatiso e e biditsweng Who Cares.

Porojeke e nngwe e e fentseng kabelo ya boronse ke ya popo ya kgatiso le yone mme ke e e biditsweng The Art of Being. Mo karolong ya media e e tlhakantshweng go ne ga abelwa diporojeke tse pedi mme tsone ke Oppikoppi  Sus en Daan, le Oppikoppi  No Strings Attached.

Di-Loerie ke dikabelo tsa ngwaga le ngwaga ka mo Aferika Borwa go tlotla boitseanape jwa popo ya kerafo le go agela godimo ditikologo tsa go maketa le papatso le go mo karolong ya popo ya kerafo le media ya digitale.

Baithuti ba serutwa se sa popo ya kerafo le ngwaga e e fetileng ba ne ba fentse dikabelo tse tharo mme e ne e le e le nngwe ya selifara le tse pedi tsa boronse.

Modulasetulo wa dikabelo tsa Loerie, McCann Erickson, o rile gore boleng jwa di-Loerie jo bo kwa godimo go tlhomamisa gore bafenyi ba dikabelo ba kgone go gaisana le mo dikgaisanong tsa bodithabathaba.



Fa re bona bafenyi ba ngwaga e ba di-Loerie le motlhatlheledi wa bone, mor Wessie van der Westhuizen. Fa go ene re bona Gert Schoeman (boronse), Suzan van Wyk (boronse), Yvonne Lombard (boronse), Magdel Smith (gauta) le Carla Erasmus (boronse).



Magdel Smith ka Loerie ya gagwe ya gauta le motlhatlheledi wa gagwe, mor Wessie van der Westhuizen.

