Baithuti ba maloba ba mo gauteng ba ja moletlo






MAFIKENG  Khamphase ya Mafikeng ya Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (NWU) e ne bosheng jaana ya tshwara moletlo o o atlegileng wa dijo tsa maitseboa go tlotla baithuti ba yone ba maloba mo Porofenseng ya Gauteng.   Palo ya maloko a le 240 a ne a nna teng kwa moletlong ono o mo go one ba neng ba gorosiwa ka go tsamaya mo khapeteng e khibibu o o neng o tshwaretswe kwa Gallagher Estate kwa Johannesburg.

Fa moletlo o ntse o tsweletse, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa NWU le Porofesa Dan Kgwadi, Mookamedi wa Khamphase ya Mafikeng, ba ne ba ema baithuti ba maloba ka lefoko, ba tlhalosa palo ya baithuti botlhe ba ba leng teng mo setheong le kafa go kopanngwa ga ditheo go atlegileng ka gone.

Mohumagatsana Susan Van Rooyen, Morulaganyi wa go Kopanngwa Mmogo ga Baithuti ba Maloba, o ne a re diphitlhelelo tsa baithuti ba maloba ba NWU ke sesupo sa boleng jwa thuto ya maemo a a kwa godimo ya Khamphase ya Mafikeng, le gore NWU e ipelafatsa ka bone. Mohumagatsana van Rooyen o ile a bua ka go tlhagafala le go itumela ga baithuti ba nako e e fetileng, le go ba lebogela go bo ba ne ba le teng le go dira gore maitseboa ao e nne a a se Kitlang a lebalwa.  O ne a tlhalosa jaana: Re batla gore baithuti ba maloba ba nne le kamano ya leruri le NWU, mme tiragalo eno ke tshimologo fela ya go aga kamano eo e e tlileng go nnela ruri  seno ke tshimologo fela!"

Mohumagatsana van Rooyen o ne a re, Ka mokgwa o tiragalo eno e atlegileng ka one, ruri re tlile go e boeletsa gape."  Eno ke tshimologo ya loeto-papatso lo lo se kitlang lo kgaotsa mo nageng yotlhe lwa go tlhoma dithapotara tse di tla emelang baithuti ba ba atlegileng le ba ba ikanyegang ba ba alogileng kwa Khamphaseng ya Mafikeng. O ne a oketsa a re, jaanong go tlile go latela baithuti ba maloba ba Mafikeng, mma ka bonako morago ga bone go tla latela ba Venda le Botswana." Mongwe wa mekgele-megolo ya loeto-papatso ke go dira bobolokela-tshedimosetso jo bo leele le jo bo nnang bo ntse bo tlhabololwa nako le nako jwa baithuti botlhe ba maloba ba mo Khamphaseng ya Mafikeng le go ba naya dikgang le tshedimosetso e e maleba.

Morago ga gore Katlego Lekwakwe a ikgolaganye le baithuti-ka-ene ba maloba ba le 150 a sa thusiwa ke ope, o ne a amogela moputso wa go ikentsha le molekane go ya kwa Zebra Country Lodge. Moputso ono o ne o abilwe ke Thabiso Magodielo le mosadi wa gagwe ba Thabeo of Legend Lodges. Gape, Katlego ke moemedi wa semmuso wa baithaopi wa karolo ya Gauteng.

Bangwe ba baithuti ba maloba ba ba neng ba le gone ba ne ba akaretsa Moatlhodi Yvonne Mokgoro le Ngaka Happy Sithole.




Go tswa kafa molemeng ke Bahumagatsana Izette Schouwstra, Mookamedi wa Setheo wa go Tshwarwa ga Kokoano eno le Susan van Rooyen, Morulaganyi wa Go Kokoana Mmogo ga Baithuti ba Maloba ba Khamphase ya Mafikeng.



Go tswa kafa molemeng ke Moatlhodi Yvonne Mokgoro, mosadi wa ntlha go tlhomiwa kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo ya Aforika Borwa, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa NWU, le Rre Lester Mpolokeng, Mokaedi wa Nama-o-sa-Tshwere: Dipapatso le Ditlhaeletsano mo Khamphaseng ya Mafikeng.

