Khamphase e ruta dithuto tsa kgwebo






VANDERBIJLPARK  Mmojule wa tsa kgwebo o botlhe ba patelesegang go o ithuta ga o tlamele baithuti ba ngwaga wa bobedi ba BEd mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokono-Bophirima (NWU) ka tshono ya go bontsha bokgoni jwa bone fela, mme gape o ba tlamela ka tshono ya go bona madi.

Bogwebi ke selo se mongwe le mongwe a ntseng a bua ka sone a sa kgale mathe ganong, segolobogolo fa ba akanya ka maemo a ikonomi a a sa tlhomamang a naga ya rona e iphitlhelang e le mo go one le a a fitlhelwang mo mebarakeng ya mebereko ya semphete ke go fete. Go ya ka Ngaka Lenie Holtzhausen, mmenejara wa lenaneo le motlhatlheledi kwa Sekolong sa Dithuto Tsa Saense, go tlotliwa ka go tlhokega ga dikgono tsa bogwebi le mo Seteitementeng sa Kharikhulamo ya Bosethaba.  Seno se raya gore baithuti botlhe ba tshwanetse go thusiwa go nna le dikgono tsa go nna bagwebi.

Kwa sekolong, segolobogolo mo Kereiting ya R go fitlha ka Kereiti 9, go rutwa dithuto tsa Disaense Tsa Ikonomi le Tsa

Botsamaisi, mme go ya ka Ngaka Holtzhausen, go rutwa ga bana dithuto tseno ba sa ntse ba le bannye go gatelela thata kafa bogwebi bo leng botlhokwa ka gone.  Go ya ka ditlamorago tse di rulagantsweng tsa maemo a tekolo, go tswa fela kwa Kereiting ya 4, baithuti ba rotloediwa go nna ka nako ya fa go butswe mmaraka o mogolo wa kgwebo le go dirisa kitso e ba nang le yone ka tsa kgwebo.  Fa baithuti ba ntse ba fetela kwa dikereiting tse dingwe, ba rutwa dikgono tse dingwe gape tsa kgwebo tse di akaretsang go dira dipapatso, thulaganyo ya ditogamaano le dithulaganyo tsa kgwebo.

Baithuti ba bona tshono ya go supa dikgono tsa bone beke le beke mme bokgoni jwa bone jwa go tlhama ga bo fele. Badiri le baithuti ba ngokiwa ka dijo tse di monate tse di jaaka di-candy floss, papa le pesonama, sethuu se se tsentsweng mo teng ga senkgwe se se ntshitsweng mateng le di-pancake, tiro ya botsweretshi le ya diatla le tsone di ile tsa ngoka bontsi jwa batho.

Ngaka Holtzhausen o ile a tlhalosa gore go botlhokwa go ema nokeng ditlamorago tsa go ithuta ka maitemogelo a a mosola a bo a oketsa ka gore jaaka barutabana ba ka moso, baithuti bano ba rutwa go tshela jaaka bagwebi.












